KGAOLO 1

Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo
o biditsweng go nna moapostolo, yo o
lomologanyeditsweng efangeding ya
Modimo,
2 ( E a e solofeditseng pele ka baporefeti
ba ona mo dikwalong tse diboitshepo,)
3 Ka ga morwa -ona Jesu Keresete
Morena wa rona, yo o dirilweng ka peo ya
ga Dafita ka fa nameng;
4 Yo o tlhagisitsweng ga ele Morwa
Modimo ka nonofo, ka fa Moeng oo
boitshepo, ka tsogo mo baswing:
5 Yo re amogetseng mohau le boaposetolo
mo go ena, gore go obamelwe tumelo mo
ditshabeng tsotlhe, ya leina la gagwe:
6 Le lona lo biditswe le bone ke Jesu
Keresete:
7 Go botlhe ba ba kwa Roma, baratiwa ba
Modimo, lo biditswe go nna baitshepi:
Tshegofatso e nne le lona le kagiso go
tswa go Modimo Kara wa rona , le
Morena Jesu Keresete.
8 Sa ntlha, ke leboga Modimo wa me ka
Jesu Keresete ka ga lona lotlhe, ka ga
tumelo ya lona eo e boletsweng lefatsheng
lotlhe.
9 Gonne Modimo ke mosupi wa me,O ke
mo direlang ka mowa wa me mo
efangeding ya Morwa ona, gore kwa ntle
ga go khutla ke lo umaka mo merapelong
ya me ka metlha yotlhe;
10 Ke dira kopo, fa ka mokgwa mongwe
nka newa leeto le le nang le tswelelopele
ka thato ya Modimo, gore ke tle go lona.
11 Gonne ke tlhologetse go le bona, gore
ke lo abele neo nngwe ya Mowa, gore ko
bofelong lo tlhongwe;

12 Ke gore, ke gomodiwe mmogo le lona
ka tumelo ya tsalano ya lona le ya me.
13 Mme ga ke rate gore lo se itse,
bakaulengwe, fa ke ile ka ikaelela go tla go
lona gantsi, (mme ke santse ke
kgoreletsegile,) gore ke nne le maungo
mangwe mo go lona, jaaka go ntse mo
baditshabeng ba bangwe.
14 Ke molato go Bagerika, le ba e leng
batho fela; le ba ba botlhale, le bao ba seng
botlhale.
15 Ka ntlha ya moo, jaakago ntse mo go
nna, ke ikemiseditse go le rerela Efangedi
le lona ba le leng ko Roma.
16 Gonne ga ke tlhajwe ke ditlhong ka
ntlha ya efangedi ya ga Keresete:gonne ke
matla a Modimo mo pholosong go
mongwe le mongwe yo o dumelang; go
simolola ka Bajuta, le bona Bagerika.
17 Gonne mo go yona go tshiamo ya
Modimo e bonaditsweng mo tumelong go
ya mo tumelong: jaaka go kwadilwe,
Basiami ba tla phela ka tumelo.
18 Gonne bogale ba Modimo bo
bonaditswe go tswa legodimong, mme bo
kgatlanong le boikepo jotlhe le
tshiamololo ya batho, ba ba tshwereng
boammaruri mo tshiamololong;
19 Gonne se se ka itsiweng ka Modimo se
senotswe mo go bona; gonne Modimo o se
ba bontshitse.
20 Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa ona
go tloga tlholegong ya lefatshe di bonwa
ka ponatshego, mme di tlhalogangwa ka
dilo tse di dirilweng, ebong nonofo ya
Modimo ee sa khutleng le Bodimo jwa
ona; gore ba se nne le seipato:
21 Gonne, erile ka ba itse Modimo, ba
seke ba mo galaletsa jaaka Modimo, le fa

[...] ele go mo leboga; mme ba nna boithamako
mo dikakanyong tsa bone, mme pelo tse
bosilo tsa bone tsa fifala.
22 [...] Ka ba ipolela ba le botlhale, ba diregile
masilo,
23 [...] Mme ba fetola kgalalelo ya Modimo o
o sa boleng setshwanong sa motho yo o
bolang, le sa dinonyane, le sa diphologolo
tse maoto mane, le sa dilo tse digagabang.
24 [...] Ke gone ka moo Modimo le ena o ba
neetseng go tse di maswe ka dikhatlego tsa
pelo tsa bona, go tlontlolola mebele ya
bona mo go bona:
25 [...] Bao ba fetotseng boammaruri ba
Modimo maaka, mme ba tlotla le go direla
se se bopilweng bogolo go Mmopi, yo o
bakwang ka bosakhutleng. Amen.
26 [...] Ke gona moo Modimo o ba neetseng
keletsong tse di maswe bogolo: gonne le
basadi ba bona ba ile ba fetola mokgwa wa
tlholego wa bona ba dira o o seng wa
tlholego:
27 [...] Go ntse fela jalo le bone banna, ba ile
ba tlogela tiriso ya mosadi ka fa
tlholegong, ba gotetsanya ka kgatlego tsa
dikeletso tsa bona; banna le banna ba dira
tsa botlhabisa ditlhong, ba bona ruelo ya
timelo ya bona eo ba e dirileng.
28 [...] Mme e re ka ba seke ba rata go
tshegetsa Modimo mo kitsong tsa bona,
Modimo o ba neela tlhaloganyo tsa
tshokamo, go dira dilo tse di sa
tshwanelang;
29 [...] Ka ba tladitswe ka tshiamololo yotlhe,
le boaka, le bosula, le bopelotshetla, le
tomeletso; ba tletse lefufa, polao, le kgang,
le tsietso, le letlhoo le le tseneletseng; le
lesebo,

30 [...]Basebi, le batlhoi ba Modimo, le
baikgogomosi, le baikgodisi, le balogi ba
bobe, le ba ba sa utlweng batsadi,
31 [...]Le ba ba sa tlhaloganyeng, le batlodi ba
kgolagano, le ba ba senang lorato lwa
botho, le ba ba sa itshwareleng, le ba ba sa
utlweleng bangwe botlhoko:
32 [...]Ba itse katlholo ya Modimo, gore ba ba
dirang dilo tse di ntseng jalo ba
tshwanetswe ke loso, ba sa dire tseo fela,
mme ba na le kgatlego mo go ba ba di
dirang.

KGAOLO 2

[...] Ke ka moo o senang seipato, wena motho,
lefa ole mang kgotsa mang yo a latofatsang
yo mongwe: gonne fa o atlholayo mongwe
o a ikatlhola ka boena; gonne wena yo o
sekisang bangwe o dira jalo le wena.
2 [...]Mme re a itse fa tshekiso ya Modimo ele
ka fa boammaruring kgatlanong le bona ba
ba dirang dilo tse di ntseng jalo.
3 [...]Mme wena motho a o gopola gore wena
yo o latofatsang ba ba dirang jalo, a o ka
falola mo katlholong ya Modimo, etswa
wena o dira jalo?
4 [...]Kgotsa o nyatsa mahumo a bomolemo le
boitshoko le bopelotelele; o sa itse gore
molemo wa Modimo o go gogela
tlhabologong?
5 [...]Mme ka fa botlhogong e thata le pelo e e
sa ikwatlhaeng ya gago o ikokoanyetsa
bogale kgatlano le letsatsi le tshenolo ya
katlholo e e siameng ya Modimo;
6 [...]O o tla duelang mongwe le mongwe ka
fa ditirong tsa gagwe:
7 [...]Ba ba tswelelang pele ka bopelotelele
go dira molemo ba batla kgalalelo le

[...]tlotlego le bosafeleng, le bophelo jo bo sa
khutleng:
8 [...]Mme bao ba ratang kgang, ba gana go
utlwa boammaruri, mme ba utlwa
tshiamololo, kgakalo le bogale,
9 [...]Pogiso le tlalelo, godirao go mewa
yotlhe ya batho ba ba dirang bosula, go
simolola ka Mojuta, go ya go Baditshaba;
10 [...]Mme kgalalelo, tlotlego, le kagiso, di
nne le mongwe le mongwe yo o dirang
molemo, go simolola ka Mojuta, go ya go
Moditshaba:
11 [...]Gonne ga go tlhaolo epe ya batho kwa
Modimong.
12 [...]Gonne botlhe ba ba leofileng kwa ntle
go molao le bone ba tla latlhega kwa ntle
ga molao: mme botlhe ba ba leofileng ba
na le molao ba tla sekisiwa ka molao;
13 [...](Gonne ba ba utlwang molao ga se
basiami fa pele ga Modimo, mme ba ba
dirang molao ba tla siamisiwa.
14 [...]Gonne fa baditshaba, ba ba senang
molao, ba dira ka tlholego tse di mo
molaong, mme ba, bo ba le molao mo go
bona:
15 [...]Ba itshupa gore go dira ka fa molaong
go kwadilwe mo dipelong tsa bone, le gona
digakolodi tsa bone di a paka, mme
megopolo e gare go bona e a ba latofatsa
gongwe e a ba golola;)
16 [...]Mo motsing oo Modimo o tla sekisa tse
di sa itsiweng tsa batho ka Jesu Keresete
,ka fa efangeding ya me.
17 [...]Bona, o bidiwa Mojuta, mme o ikaega
mo molaong, o ipoka ka Modimo,
18 [...]Mme o itse thato ya ona, le go
tlhomamisa tse di tshwanetseng, ka o
rutilwe mo molaong;


19 [...]Mme o itshepa fa wena o le mogogi wa
difofu, le lesedi la bona ba ba leng mo
lefifing,
20 [...]O le mokaedi wa masilo, le moruti wa
masea, yo o nang le tshwano ya kitso le ya
boammaruri mo molaong.
21 [...]Ka gona wena yo o rutang yo mongwe,
goreng o sa ithute? wena yo o rerang gore
motho a seke a utswa, o utswelang?
22 [...]Wena yo o iletsang motho go akafala, o
akafalelang? wena yo o ilang medimo ya
diseto, goreng o sa tlotle le go direla
Modimo?
23 [...]Wena yo o itumisang ka molao wa
Modimo, a o tlontlolola Modimo ka go
tlola molao?
24 [...]Gonne leina la Modimo le rogakilwe
mo baditshabeng ka wena, jaaka go
kwadilwe.
25 [...]Gonne bogwera bo molemo ruri, fa o
tshegetsa molao: mme fa o sa tshegetse
molao, go rupa ga gago go fetogile go sa
rupeng.
26 [...]Mme fa yo o sa rupang a ka tlhokomela
tshiamo ya molao, a bosarupeng jwa
gagwe ga bo ka ke jwa kaiwa go rupa?
27 [...]Yo o sa rupang ka fa tlhagong, mme a
diragatsa molao, a ga kitla a go sekisa,
wena yo o tlolang molao mme o na le
lekwalo la molao ebile o rupile?
28 [...]Gonne yoo ga se Mojuta, yo eleng
Mojuta kwa ntle; le gona seo ga se go
rupa, se se ka fa ntle mo nameng:
29 [...]Mme yoo ke Mojuta, yo e leng Mojuta
ka mo teng; mme bogwera ba nnete ke bo e
leng
ba pelo, ka fa moweng, e seng mo
molaong; poko ya yo o ntseng jalo ga e
tswe mo bathong, mme e iswa go
Modimo.

KGAOLO 3

[...]Mme fa go ntse jalo Mojuta o gaisa ba
bangwe ka eng? le gone mosola wa
bogwera ke eng?
2 [...]Bogolo go ntlha tsotlhe: ke bone, ba ba
neetsweng lefoko la Modimo pele go
botlhe.
3 [...]Gonne go tla diragalang fa bangwe ba ne
ba sa dumele? a go tlhoka tumelo ga bona
go ne go tla nyeletsa tumelo ya Modimo?
4 [...]Modimo wa gana: eng, mme a Modimo o
nne boammaruri, mme a motho mongwe le
mongwe a nne moaki; jaaka go kwadilwe,
Gore o siamisiwe mo mafokong a gago, le
go fenya motlhang o sekisiwang.
5 [...]Mme fa tshiamololo ya rona e
tlotlomatsa tshiamo ya Modimo, re tla
reng? A Modimo ga o a siama fa a tlisa
pusulosetso go rona?(ke bua jaaka motho)
6 [...]Modimo wa gana: gonne fa go ntse jalo
Modimo o tla sekisa lefatshe jang?
7 [...]Gone fa boammaruri jwa Modimo bo
bonagetse kgalalelong ya ona bogolo ka
maaka a me; ke sa atlholelwang jaaka
moleofi?
8 [...]Mme bogolo, (jaaka re kgalwa, le jaaka
bangwe ba re re bue,)A re direng bosula,
gore molemo o tswe mo go bone? ba
tshenyego ya bone e siame.
9 [...]Eng jaanong?a re molemo bogolo go
bone
? Nyaa, ga go a nna jalo: gonne sa
ntlha re ile ra bontsha ebile ra latofatsa fa
Bajuta le Baditshaba, ba le botlhe mo
boleong;
10 [...]Jaaka go kwadilwe, ga go ope yo o
siameng, nyaa,le fa a le mongwe:
11 [...]Ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go
ope yo o batlang Modimo.


12 [...]Ba fapogile botlhe, mme ga ba na
mosola botlhe; ga go ope yo o dirang
molemo, nyaa, lefa a le mongwe.
13 [...]Memetso ya bona ke phupu e e
bulegileng; ba tsietsa ka diteme tsa bona;
botlhole jwa dinoga bo tletse gare go
dipounama tsa bone:
14 [...]Ba melomo ya bona e tletseng thogako
le bogalaka:
15 [...]Dinao tsa bone di bofefo go tsholola
madi:
16 [...]Tshenyo le bohutsana bo mo tseleng tsa
bone:
17 [...]Mme tsela ya kagiso ga ba e itse:
18 [...]Ga go poifo epe ya Modimo fa pele go
matlho a bone.
19 [...]Mme jaanong re a itse gore tsotlhe tse
molao o di buang, o di bua le bone ba ba
leng mo molaong: gore melomo yotlhe e
tswalwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato
fa pele go Modimo.
20 [...]Ke gone fa go sekitlang go siamisiwa
nama epe fa pele go Modimo ka ditiro tsa
molao: gonne kitso ya boleo e tlisitswe ke
molao.
21 [...]Mme jaana tshiamo ya Modimo e
bonaditswe e seng ka molao, ka e na le
tshupo ya molao le baporofeti;
22 [...]Ebong tshiamo ya Modimo ka tumelo
ya ga Jesu Keresete go botlhe le mo go
bone botlhe ba ba dumelang: gonne ga go
na pharologano:
23 [...]Gonne botlhe ba leofile, mme ba
latlhegelwa ke kgalalelo ya Modimo;
24 [...]Mme ba siamisiwa fela ke tshegofatso
ya ona ka thekoloio e e mo go Morena
Jesu Keresete:
25 [...]Yoo Modimo o mo kgetileng pele go
nna thuanyo ka tumelo mo mading a

[...]gagwe, go supa tshiamo ya gagwe mo
boitshwarelong jwa dibe tse di fetileng, ka
boiphapanyo jwa Modimo;
26 [...]Go bolela, ka re, mo nakong e tshiamo
ya gagwe: gore a nne tshiamo, le
mosiamisi mo go ena yo o dumelang mo
go Jesu.
27 [...]Mme jaanong boikgogomosi bo kae?
Eng bo tswaletswe kwa ntle. Ka molao
ofe? a ke wa ditiro? Nyaa: ke ka molao wa
tumelo.
28 [...]Mme re swetsa fa motho a siamisiwa ka
tumelo eseng ka ditiro tsa molao.
29 [...]A Modimo ke wa Bajuta fela? a ga se
wa Baditshaba le bone?Eng, ke wa
Baditshaba le bone:
30 [...]A ere ka ele Modimo a le mongwe, yo o
tla siamisang ba bogwera ka tumelo, le bao
ba sa rupang ka tumelo.
31 [...]Mme jalo a re nyeletsa molao ka
tumelo?Modimo wa gana: Eng, mine re
tlhomamise molao.

KGAOLO 4

[...]Mme jaanong re tla reng Aborahame
rrarona, go ya ka fa nameng, o bone eng?
2 [...]Gonne fa Aborahame a siamisiwa ka
ditiro, jalo o na le kgalalelo; mme eseng fa
pele ga Modimo.
3 [...]Gonne lokwalo lo a reng? Aborahame o
ne a dumela Modimo, mme tumelo ya
gagwe ya balelwa tshiamo.
4 [...]Mme jaanong mo go yo o dirang go na le
tuelo mme ga e balwe ka fa tshegofatsong,
mme e le ka fa molatong.
5 [...]Mme jaanong yo o sa diring, mme a
dumela mo go ene yo o siamisang baikepi,
tumelo ya gagwe e kaiwa tshiamo.

6 [...]Jaaka Dafita a bolela tshegofatso ya
motho, yo Modimo o mmalelang tshiamo
eseng ka ditiro,
7 [...]A re, go tshegofaditswe bona ba ba
itshwaretswehg dibe tsa bone, le ba dibe
tsa bone di bipilweng.
8 [...]Go tshegofaditswe monna yo Morena o
sa mmaleleng maleo a gagwe.
9 [...]A tshegofatso e, ke ya bao ba rupileng
fela, kgotsa le bao ba sa rupang? gonne re
re tumelo e ne ya kaiwa tshiamo go
Aborahame.
10 [...]E ne ya kaiwa jang? fa ane a le mo
bogwereng, kgotsa kwa ntle ga bogwera?
Eseng mo bogwereng, mme ele kwa ntle ga
bogwera.
11 [...]Mme o ile a newa sesupo sa bogwera,
sekano sa tshiamo ya tumelo eo o nang
nayo
le fa a sa rupisiwa: gore a nne rre wa
botlhe ba ba dumelang, le fa ba sa rupa;
gore tshiamo ya Modimo e tsengwe le go
bone:
12 [...]Le rre wa bogwera eseng wa bone ba
rupileng fela, mine le wa bao ba
tsamayang mo dikgatong tsa tumelo ya
Aborahame rra rona, yo o ileng a nna nayo
a ise a rupisiwe.
13 [...]Gonne tshepiso e e reng, o tla nna
morui wa lefatshe, e ne e sa direlwa
Aborahame, kgotsa peo ya gagwe, ka
molao, mme ele ka tshiamo ya tumelo.
14 [...]Gonne fa ba molao ba ka nna barui ba
puso ya Modimo, tumelo e tla bo e le ya
lefela, le tsolofetso e e tla bong e dirilwe e
tla bo e sena bokao:
15 [...]Gonne molao o dira bogale: gonne fa
molao o seong teng, le tlolo molao ga e
teng.

16 [...]Ke gona moo eleng ka tumelo, gore e
nne ka mohau; gore polelo e tlhomamiswe
peong yotlhe; eseng ya molao fela, mme le
yone ya tumelo ya Aborahame; yo e leng
rrarona rotlhe,
17 [...](Jaaka go kwadilwe, Ke go dirile rre wa
merafe e mentsi,) fa pele ga ona yo o
dumelang, mo go ona ebong Modimo, yo o
tshedisang baswi, le go bitsa dilo tse seng
teng jaaka o ka re di teng.
18 [...]Yo o neng a re tsholofelo ga e teng o ile
a dumela mo tsholofelong, gore e nne rre
wa merafe e mentsi, jaaka go boletswe,
Gore peo ya gago e tla nna jalo.
19 [...]Mme ka ane a se bokoa mo tumelong, o
ne a seke a leba mmele wa gagwe o o
suleng, le fa a ne a le dingwaga di le
lekgolo, kgotsa go swa ga popelo ya ga
Sara:
20 [...]Mme o ne a seke a belaela tsholofetso
ya Modimo ka go se dumele; mme o ile a
nna thata mo tumelong, a neela Modimo
kgalalelo;
21 [...]Mme ka a ne a shushumetscgile ka
botlalo gore, se o se solofeditseng, le gona
o nonofile go se dira.
22 [...]Ke ka moo go ileng ga balelwa tshiamo
go ena.
23 [...]Mme se ga se a kwalwa ka lebaka la
gagwe a le esi, gore o ne a e balelwa;
24 [...]Mme ele ka lebaka la rona, ba re tla e
balelwang, fa re dumela mo go ene yo o
tsositseng Jesu Morena wa rona mo
baswing;
25 [...]Yo o neeletsweng dibe tsa rona, mme a
tsosediwa tshiamiso ya rona.

KGAOLO 5

[...]Ka moo hee fa re siamisitswe ka tumelo, re
na le kagiso le Modimo ka Jesu Keresete
Morena wa rona:
2 [...]Yoo re tsenang ka ene mo tshegofatsong
e ka tumelo e re emeng mo go yone, mme
re itumela tsholofetsong ya kgalalelo ya
Modimo.
3 [...]Mme eseng foo fela, gonne le gone re a
itumela mo dipogisegong: gonne re itse fa
dipogiso di tlisa boitshoko;
4 [...]Mme boitshoko, maitemogelo; mme
maitemogelo, tsholofelo:
5 [...]Mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong;
gonne lorato la Modimo le tshololetswe
mo dipelong tsa rona ka Mowa o o
boitshepo oo re o neetsweng.
6 [...]Gonne erile re sa ntse re le bokoa, mme
ya re nako e fitlha Keresete o ile a swela
baikepi.
7 [...]Gonne ga go bonolo fa mongwe a ka
swela mosiami: kgotsa mongwe a ka
ipateletsa go swela motho yo o siameng.
8 [...]Mme Modimo o re bontshitse lerato la
gagwe, ka, e rile re sa ntse re le baetsadibe,
Keresete o ne a re swela.
9 [...]Bogolo jang ge, ka re siamisitswe ka
madi a gagwe, re tla bolokwa mo bogaleng
ke ene.
10 [...]Gonne erile, re le baba, re ne ra
letlangwa le Modimo ka leso la Morwa
one, bogolo, fa re letlantswe, re tla
pholoswa ka bophelo jwa gagwe.
11 [...]Mme eseng jalo fela, mme le rona re
itumela mo Modimong ka Jesu Keresete
Morena wa rona, o jaanong re boneng
thuanyo ka ene.
12 [...]Jaaka, fa boleo bo tlile mo lefatsheng
ka motho a le mongwe, le loso ka boleo;

[...]mme jalo loso la fetelela bathong botlhe,
gonne jalo botlhe ba leofile:
13 [...](Gonne boleo bo ne bo le mo lefatsheng
fa molao o newa: mme boleo ga bo balwe
fa molao o se teng.
14 [...]Mme loso lo ile la laola go simolola
metlheng ya Adamo go ya go Mose, le go
ba ba neng ba sa leofa morago ga tlolo ya
Adame, yo e leng setshwano sa yo o tla
tlang.
15 [...]Mme tlolo e ne e se kgolo, go tshwana
le neo ya tshegofatso. Gonne fa ba bantsi
ba ile ba swa ka boleo ba motho a le
mongwe, tshegofatso ya Modimo, le neo
ya mohau, di bonagaditswe go botlhe ke
motho a le mongwe, ebong Jesu Keresete.
16 [...]Mme tlolo ya yo o leofileng ga e
tshwane le neo ya Modimo:gonne katlholo
ya tlolo e ne ele ya a le mongwe fela, mme
neo ya tshegofatso e le go siamisa ditlolo
tse dintsi.
17 [...]Gonne fa loso le ile la laola ka tlolo e le
nngwe ya mongwe; go lesego bogolo go ba
ba bonang tshegofatso e kgolo le neo ya
tshiamo ba tla laola mo botshelong ka
mongwe, e bong Jesu Keresete.)
18 [...]Fela jaaka sebe se aparetse batho botlhe
ka boleo ba motho a le mongwe;go ntse
jalo le ka tshiamiso ya botshelo gonne e
bonagetse bathong botlhe ka tshiamo ya
motho a le mongwe.
19 [...]Gonne jaaka ba bantsi ba dirilwe
baleofi ka go tlhoka kutlo ga motho a le
mongwe, go ntse jalo ba bantsi ba tla dirwa
basiami ka kutlo ya a le mongwe.
20 [...]Mme bogolo go tsotlhe molao o tsene,
gore tlolo e tswelele. Mme kwa boleo bo
ntshifetseng teng, tshegofatso ya mohau e
ntshifetse bogolo teng:

21 [...]Jaaka boleo bo laoletswe losong,
tshegofatso le yone e laoletswe botshelong
jo bo sa khutleng ka tshiamo ya Jesu
Keresete Morena wa rona.

KGAOLO 6

[...]Ka jalo re tla reng? A re tla tswelela mo
boleong, gore tshegofatso e totobale?
2 [...]Modimo wa gana. Gonne rona, ba re
swetseng boleong, re tla nna re tshelelang
mo go jona?
3 [...]A go le itse, fa botlhe ba rona ba ba
kolobeditsweng mo go Jesu Keresete ba
kolobeditswe mo losong lwa gagwe?
4 [...]Ka jalo re bolokilwe nae mo losong ka
kolobetso: gore jaaka Keresete a tsositswe
mo baswing ka kgalaleio ya Rara, jalo le
rona re tshwanetse go tsamaya mo
botshelong jo bosha.
5 [...]Gonne fa re tlhomilwe le ene mo
tshwanong ya loso la gagwe, le rona re tla
tshwana nae mo tshwanong ya tsogo ya
gagwe:
6 [...]Ka re itse se, gore motho wa bogologolo
o bapotswe le ena, gore mmele wa boleo o
nyelediwe, gore go simolola fa re seke ra
direla boleo.
7 [...]Gone yo o suleng o golotswe mo
boleong.
8 [...]Gonne fa re sule le Keresete, re a dumela
gore le go phela re tla phela le ene:
9 [...]Ka re itse gore Keresete yo o tsositsweng
mo baswing ga a tlhole a tla swa; loso ga
lo tlhole lo na le thata mo go ene.
10 [...]Gonne ka a ile a swa, o ile a swa ka
boleo gangwe fela: mme ka a tshedile, o
tshelela Modimo.

11 [...]Go ntse jalo le ka lona, iponeng lo le
baswi ntlheng ya boleo, mme lo ie baphedi
ba ba phelelang Modimong ka Jesu
Keresete Morena wa rona.
12 [...]Ka jalo a boleo bo se tlhole bo laola mo
mebeleng ya lona e swang, go obamela
dikgatlego tsa yona.
13 [...]Le gona le se neele boleo ditokololo tsa
lona go nna didiri tsa tshiamololo: mme lo
ineele Modimo, jaaka ba ba tshedileng ba
ba duleng mo baswing, le go neela
Modimo ditokololo tsa lona go nna didiri
tsa tshiamo.
14 [...]Gonne boleo ga bo kitla bo le laola: ka
lo se ka fa tlase go taolo ya molao, mme lo
le fa tlase ga taolo ya mohau.
15 [...]Jaanong re tla reng? a re tla leofa,
gonne re se ka fa tlase ga molao, mme re le
ka fa tlase ga mohau? Modimo wa gana.
16 [...]A ga lo itse, gore yo lo mo ineelang go
nna batlhanka go mo utlwa, lo batlhanka
ba gagwe ba lo tshwanetseng go mo utlwa;
le fa ele boleo go isa losong, kgotsa
kutlwelelo go isa tshiamong?
17 [...]Mme a Modimo o lebogwe, gonne lo ne
lo le batlhanka ba boleo, mme lo ile lwa
obamela go tswa mo pelong mofuta oo wa
thuto e lo e neetsweng.
18 [...]Mme ka lo golotswe mo boleong, lo
batlhanka ba tshiamo.
19 [...]Ke bua ka fa mokgweng wa batho ka
ntlha ya bokoa jwa nama ya lona: gonne
jaaka lo neetse ditokololo tsa lona go nna
batlhanka ba tshiamololo le itshekologo go
ya itshekologong; jalo neelang ditokololo
tsa lona go nna batlhanka .ba tshiamo e e
isang boitshepong.
20 [...]Kana e rile le sa le batlhanka ba boleo,
lo ne lo sa laolwe ke tshiamo.

21 [...]Mme foo lo ne lo na le leungo lefe mo
dilong tseo lo tlhajwang ke ditlhong mo go
tsona jaanong? gonne bokhutlo jwa tsone
ke loso.
22 [...]Mme jaana ka lo golotswe mo boleong,
mme lo le batlhanka ba Modimo, lo na le
leungo la lona mo boitshepisong, mme
kwa bokhutlong le botshelo jo bo sa
khutleng.
23 [...]Gonne tuelo ya boleo ke loso; mme neo
ya Modimo ke botshelo jo bo sa kgutleng
ka Jesu Keresete Morena wa rona.

KGAOLO 7

[...]A ga lo itse,bakaulengwe,(gone ke bua le
bone ba ba itseng molao,) gore molao o
busa motho jang fa a santse a tshela?
2 [...]Kana mosadi yo o nang le monna wa
gagwe o golegetswe mo monneng ka
molao fa monna a santse a tshela; mme fa
monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo
molaong wa monna.
3 [...]Mme jaanong, fa a ka nna mosadi wa
monna mongwe, monna wa gagwe a ntse a
tshela, o tla bidiwa seaka: mme fa monna
a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong
oo; mme ga go nke go twe ke seaka, le fa a
ka nna wa monna yo mongwe.
4 [...]Ka moo, bakaulengwe ba me, le lona lo
sule jalo ntlheng ya molao ka mmele wa ga
Keresete; gore lo nyalwe ke yo mongwe,
ebong ena yo o tsositsweng mo baswing,
gore re ungwele Modimo.
5 [...]Gonne e rile re sa le mo nameng,
maikutlo a dibe, a a tliswang ke molao, a
bo a dira ka thata mo ditokololong tsa rona
go ungwa maungo a loso.

6 [...]Mme jaanong re golotswe mo molaong,
ka re sule ntlheng ya sona se neng se re
tshwere; ke ka moo re leng badiredi ka fa
bosweng jwa mowa, e seng ka fa
mokgweng wa bogologolo wa ditlhaka tsa
molao
.
7 [...]Mme jaanong re tla reng? A molao ke
boleo? Modimo wa gana. Nyaa, nka bo ke
sa itse boleo, fa e ne e se ka molao: le
yona keletso nka bo ke sa e lemoge, fa
molao o ka bo o sa re, O seke wa eletsa.
8 [...]Mme boleo, ka bo thatafaditswe ke
molao, bo ile ba dira keletso tsotlhe mo go
nna. Goruie kwa ntle ga molao boleo bo ne
bo sule.
9 [...]Ke ne ke tshela pele kwa ntle ga molao:
mme e rile taolo e sena go tla, boleo jwa
tsoga, mme nna ka swa.
10 [...]Mme taolo, e e neng e laoletswe
botshelong, ke ne ka fitlhela e le ya loso
mo go nna.
11 [...]Gonne boleo, ka bo thatafaditswe ke
laolo, bo ile ba ntsietsa, mme ba mpolaya.
12 [...]Jalo he molao o boitshepo, le taolo e
boitshepo, e siame, e molemo.
13 [...]Jaanong a ke gore se se molemo se
mphetogetse loso? Modimo wa gana. Mme
boleo, gore bo tie bo bonale e le boleo, bo
tlisa loso mo go nna ka se se molemo; gore
boleo ka taolo bo nne boleo phetelela.
14 [...]Re a itse gore molao o semowa: mme
nna ke senama, ke ineetse tlase ga boleo.
15 [...]Gonne se ke se dirang ga ke se
amogele: se ke tshwanetseng go se dire, ga
ke se dire; mme se ke se tlhoileng, ke a se
dira.
16 [...]Mme fa ke dira se ke sa tshwanelang go
se dira, ke dumelana le molao gore o
molemo.

17 [...]Foo e a bo e sa tlhole e le nna yo o se
dirang, mme e a bo e le boleo jo bo agileng
mo teng ga me.
18 [...]Gonne ke a itse gore mo go nna (seo se
raya gore, mo nameng ya me,) ga go
molemo ope: gonne thato e mo go
nna;mme go dira molemo ga ke kgone.
19 [...]Gonne molemo o ke o ratang ga ke o
dire: mme bosula jo ke sa bo rateng, ke a
bo dira
20 [...]Mme fa ke dira se ke sa tshwanelang go
se dira, ga e sa tlhole e le nna yo ke se
dirang, mme ke boleo jo bo agileng mo go
nna.
21 [...]Jaanong ke fitlhela molao, mo go nna
wa gore
, E a re fa ke rata go dira molemo,
bosula bo nne teng mo go nna.
22 [...]Gonne ke natefelwa ke molao wa
Modimo ka fa mothong yo o ka fa teng:
23 [...]Fela ke fitlhela go na le molao o sele
mo ditokololong tsa me, o o Iwang le
molao wa tlhaloganyo ya me, e bile o
nkgolega ka mo molaong wa boleo o o mo
ditokololong tsa me.
24 [...]A motho yo o bosula yo ke leng ena! ke
mang yo o tla nkgololang mo mmeleng wa
loso lo?
25 [...]Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete
Morena wa rona. Ke gona jalo nna ka nosi
ke direla molao wa Modimo ka mogopolo;
mme ke direla molao wa boleo ka nama.

KGAOLO 8

[...]Jaanong ga gona katlholo epe go bao ba
leng go Keresete Jesu, ba ba sa tsamaeng
ka fa nameng, mme ba tsamaya ka fa
Moweng.

2 [...]Gonne molao wa Mowa wa botshelo o o
mo go Keresete Jesu o nkgolotse mo
molaong wa boleo le loso.
3 [...]Gonne se se reteletseng molao, ka o ne o
se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se
dirile ka go roma Morwa-ona mo
tshwanong ya nama ya boleo, le ka ntlha
ya boleo, go atlhola boleo mo nameng:
4 [...]Gore tshiamo ya molao e diragadiwe mo
go rona, ba re sa tsamaeng ka fa nameng,
mme ele ka fa Moweng.
5 [...]Gonne ba ba leng ka fa nameng ba
tshwenyegela dilo tsa nama; mme ba ba
leng ka fa moweng bone ba tshwenyegela
dilo tsa mowa.
6 [...]Gonne kgopolo ya nama ke loso; mme
kgopolo ya mowa ke botshelo le kagiso.
7 [...]Gonne kgopolo ya nama ke bonaba
kgatlanong le Modimo: ka e sa
ikokobeletse molao wa Modimo, e bile e
se kitla.
8 [...]Ka jalo ba ba mo nameng ga ba ka ke ba
kgatlha Modimo.
9 [...]Mme lona ga lo mo nameng, le mo
Moweng, fa ele gore Mowa wa Modimo o
agile mo go lona. Jaanong mongwe le
mongwe yo o senang Mowa wa ga
Keresete, yoo ga se wa gagwe.
10 [...]Mme fa Keresete a le mo go lona,
mmele o sule ka ntlha ya boleo; mme
Mowa one o a tshela ka ntlha ya tshiamo.
11 [...]Mme fa Mowa wa ona o o tsositseng
Jesu mo baswing o agile mo go lona, foo o
na o o tsositseng Jesu Keresete mo
baswing o tla tshedisa le yone mebele e e
swang ya lona ka Mowa wa ona o o
agileng mo go lona.

12 [...]Ka jalo, bakaulengwe, re molato, e
seng mo nameng. le go phela ka fa
nameng.
13 [...]Gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo tla
swa: mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka
Mowa, lo tla tshela.
14 [...]Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa
wa Modimo, ke bone bana ba Modimo.
15 [...]Kana ga lo a arnogela mowa wa
botlhanka wa gore lo boife; mme lo
amogetse Mowa wa bongwana, o re
bitsang ka one re re, Aba, Rara.
16 [...]Mme Mowa le ona ka nosi o a paka le
mewa ya rona, gore re bana ba Modimo:
17 [...]Mme fa re le bana, re barua boswa; re
barua-boswa ba Modimo, le barua-boswa
mmogo le Keresete; fa tola re bogisiwa
nae, gore re tie re galalediwe mmogo.
18 [...]Gonne ke kaya gore dipogo tsa sebaka
seno ga se tsa sepe fa di tshwantshiwa le
kgalalelo e e tla senolwang mo go rona.
19 [...]Gonne tsotlhe tse di bopilweng di
lebelela ponatshego ya bana ba Modimo ka
tlhologelelo.
20 [...]Gonne tse di bopilweng di tsentswe mo
taolong ya tshenyego, e seng ka go rata ga
tsona, mme e le ka ntlha ya ona o o di
dirilengjalo mo tsholofelong,
21 [...]Gonne le tlholego ka boyona le yona e
tla gololwa mo bokgobeng jwa sebodu go
ya kgololosegong e e galalelang ya bana ba
Modimo.
22 [...]Gonne re a itse fa tlholego yotlhe e
fegelwa e le mo tlalelong jaaka di le mo
pelegong mmogo le mo nakong eno.
23 [...]Mme ga se tsona fela, mme le rona ka
nosi, ba re nang le maungo a ntlha a
Mowa, re fegelwa ka nosi mo teng ga rona,

[...]ka re lebeletse bongwana jwa rona, e bong,
kgololo ya mebele ya rona.
24 [...]Gonne re pholositswe ka tsholofelo:
Mme tsholofelo e e bonwang ga se
tsholofelo: Gonne se motho a se bonang,
goreng a sa ntse a se solofela?
25 [...]Mme fa re solofela se re sa se boneng ,
jalo re se lebelela ka bopelotelele.
26 [...]Go ntse jalo le ka Mowa o thusa makoa
a rona: gonne ga re itse ka foo re
tshwanetseng go ka rapela ka teng jaaka go
tshwanetse: mme Mowa ka osi o re
rapelela ka diphegelo tse di sa kgonweng
go bolelwa.
27 [...]Mme motlhotlhomisi wa dipelo o itse
se maikaelelo a Mowa e le sona, ka o
rapelela baitshepi ka fa thatong ya
Modimo.
28 [...]Mme re a itse fa dilo tsotlhe di dira
mmogo go tsalela bao ba ratang Modimo
molemo, e bong bona ba ba biditsweng ka
fa boikaelelong jwa o na.
29 [...]Gonne ba o ba itsileng pele, o ba
tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya
Morwa-ona, gore a tie a nne motsalwa pele
mo baneng ba le bantsi.
30 [...]Mme ba o ba tlhaotseng pele, o ba
biditse: mme ba o ba biditseng, o ba
siamisitse: mme bao o ba siamisitseng, le
bone o ba galaleditse.
31 [...]A na re tla reng mo dilong tse? Fa
Modimo o le mo ntlheng ya rona, ke mang
yo o ka nnang kgatlanong le rona?
32 [...]O e bileng o sa rekegele Morwa -ona,
mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya
rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela
dilo tsotlheka ena?


33 [...]Ke mang yo o ka ba latofatsang
batlhaodwi ba Modimo? Modimo ke ona o
o siamisang.
34 [...]Ke mang yo o ka ba bayang molato?
Keresete Jesu ke ena a suleng, ee bogolo, o
bile a tsoga, mme o ka fa letsogong le le
jang la Modimo, yo e bileng a re rapelela.
35 [...]Ke mang yo o tla re kgaoganyang le
lerato la Keresete? a ke tlalelo, gongwe
pitlagano, gongwe pogiso, gongwe tlala,
gongwe bosaikatega, gongwe kotsi,
gongwe tshaka?
36 [...]Jaaka go kwadilwe ga twe, Re bolawa
letsatsi lotlhe ka ntlha ya gago; re kaiwa
jaaka dinku tsa tlhabo fela.
37 [...]Nyaa, mme re bogolo go bafenyi mo
dilong tse tsotlhe ka ene yo o re ratileng.
38 [...]Gonne ke tlhomamiseditswe, gore le fa
e ka nna loso, gongwe bophelo, gongwe
baengele, gongwe babusi, gongwe balaodi,
gongwe tse dileng teng, kgotsa tse di tla
tlang,
39 [...]Gongwe bogodimo, gongwe boteng, le
fa e ka nna sebopiwa se sele, ga di ka ke
tsa kgona go ka re kgaoganya le lerato la
Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu
Morena wa rona.

KGAOLO 9

[...]Ke bua boammaruri mo go Keresete, ga ke
ake, segakolodi sa me le sona se ntshupela
jalo ka Mowa o o boitshepo,
2 [...]Gore ke tletse bohutsana jo bogolo le
pelo ya me e utlwa botlhoko ka gale.
3 [...]Gonne ke eletsa gore e kete nka bo ke
hutsitswe le go kgaolwa mo go Keresete
mo boemong jwa bagaetsho, ba e leng ba
losika la me ka fa nameng:

4 [...]Ba e leng Baiseraele; ba ba tshwanetseng
ke bongwana jwa Modimo, le kgalalelo, le
dikgolagano, le neo ya molao, le tirelo
Modimo, le ditsholofetso;
5 [...]Ba e leng borraetsho, ba Keresete o
duleng go bone ka fa nameng, yo e leng
Modimo yo o okameng tsotlhe, yo o
bakwang ka bosakgutleng. Amen.
6 [...]Fela ga se gore lefoko la Modimo ga le
botlhokwa. Gonne ga se gore ba ba duleng
mo Iseraele, ke Baeseraele botlhe:
7 [...]Le gona, ga se gore botlhe ke bana, ka e
le ba losika la Aborahame: mme, Peo ya
gago e tla bidiwa mo go Isaka.
8 [...]Ke gore, Ba e leng bana ba nama, ga se
bana ba Modimo: mme bana ba tsholofetso
ke bone ba ba kaiwang bana ba peo.
9 [...]Gonne lefoko la tsholofetso ke le, Ke tla
tla ka nako eno, mme Sara o tla nna le
ngwana wa mosimane.
10 [...]Mme eseng seo fela; le ena Rebeka o ne
a nna moimane ka a le mongwe, e bong
Isaka rra-rona;
11 [...](Gonne e rile bana ha ise ba tsalwe, ba
ise ba dire moiemo gongwe bosula, gore
maikaelelo a Modimo go ya ka tlhopo a tle
a eme, eseng ka ditiro, mme ka ene yo o
bitsang;)
12 [...]A bolelelwa gore, Yo mogolo o tla
direla yo mmotlana.
13 [...]Jaaka go kwadilwe ga twe, Jakobe ke
mo ratile, mme Esau ke mo tlhoile.
14 [...]Jaanong re tla reng? a go na le
tshiamololo mo Modimong? Modimo wa
gana.
15 [...]Gonne Modimo o ne a bolelela Moshe
a re, Ke tla utlwela botlhoko yo ke ratang
go mo utlwela botlhoko, ke tla tlhomogela
pelo yo ke ratang go mo tlhomogela pelo.

16 [...]Ka jalo ga se ga ene yo o ratang, kgotsa
yo o tabogang, mme ke ga Modimo yo o
utlwelang botlhoko.
17 [...]Gonne lokwalo lo reile Farao la re, Ke
go tsoseditse gona moo, gore ke tie ke
bonagatse nonofo ya me mo go wena, le
gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng
lotlhe.
18 [...]Ke ka moo o utlwelang botlhoko yo o
ratang go mo utlwela botlhoko, e bile o
thatafatsa pelo ya yo o ratang go e
thatafatsa.
19 [...]Jaanong a wena o tla nthaya o re,
Goreng a santse a bona molato? Gonne ke
mang yo o ganelanang le thato ya gagwe?
20 [...]Nyaa, wena motho, o mang yo o
ganetsanang le Modimo? A se se
bopilweng se tla raya yo o sebopileng sa
re, O ntirelang jaana?
21 [...]A mmopi ga a na taolo mo letsopeng,
go direla sejana sengwe sa tlotlego, mme
se sengwe sa nyatsego ka letsopa le le
lengwe?
22 [...]Mme o ka reng, fa Modimo o rata go
bontsha bogale jwa o na, le go itsise
nonofo ya ona, o itshokela ka bopelotelele
bogolo le dijana tsa bogale tse di
tshwanetseng tshenyego:
23 [...]Le gona gore Modimo o itsise mahumo
a kgalalelo ya ona mo dijaneng tsa
kutlwelo-botlhoko, tse o di
baakanyeditseng pele go ya kgalalelo,
24 [...]Ebong rona, ba o re biditseng, eseng
mo Bajuteng fela, mme le mo
Baditshabeng?
25 [...]Jaaka o buile le mo go Hosea wa re, Ke
tla ba bitsa batho ba me, bao e neng e se
batho ba me; mme ke tla mmitsa moratiwa
wa me yo e neng e se moratiwa wa me.

26 [...]Mme go tla diragala, gore felo fa ba
neng ba boleletswe teng ga twe, Lona ga lo
batho ba me; teng ba tla bidiwa bana ba
Modimo yo o tshelang.
27 [...]Jesaya ene o ne a kua ka ga Baiseraele a
re, Le fa palo ya Baiseraele e le kana ka
motlhaba wa lewatle, go tla pholosiwa
masalela fela:
28 [...]Gonne Morena o tla dirafatsa tiro, mme
a e fetse ka tshiamo:Gonne Morena o tla
dira tiro e e khutswane mo lefatsheng.
29 [...]Mme jaaka Jesaya a kile a bua pele a
re, Kwa ntle ga gore Morena wa
Masomosomo a ka bo a sa re tlogelela
losika, re ka bo re tshwana le Sodoma, re
diregile jaaka Gomora.
30 [...]Jaanong re tla reng? Baditshaba, bao ba
neng ba sa batle tshiamo, ba fitlhile
tshiamong, e bong tshiamo ya tumelo.
31 [...]Mme Baiseraele bone, ba ba neng ba
batla tshiamo ya molao, ga ba a ka ba
fitlhela tshiamo eo ya molao.
32 [...]E le ka ntlha ya eng? Gonne ba ne ba sa
e batle ka tumelo, mme e le ka ditriro tsa
molao. Jaanong ba kgopilwe ke lentswe le
le kgopang;
33 [...]Jaaka go kwadilwe, Bonang, ke baya
lentswe la kgopo mo go Sione le lefika la
kgopiso: mme mongwe le mongwe yo o
dumelang mo go ene ga a kitla a tlhajwa ke
ditlhong.

KGAOLO 10

[...]Bagaetsho, keletso ya pelo ya me le
thapelo e ke e rapelelang Baiseraele
Modimong ke gore, ba pholosiwe.

2 [...]Gonne ke a supa ka ga bone gore ba na
le tlhoafalo ya Modimo, mme e seng go ya
ka kitso.
3 [...]Gonne ka ba sa itse tshiamo ya Modimo,
ba batla go tlhomamisa tshiamo ya bona,
ga ba ikokobeletsa tshiamo ya Modimo.
4 [...]Gonne Keresete ke bofelelo jwa molao,
gore tshiamo e bonwe ke mongwe le
mongwe yo o dumelang.
5 [...]Gonne Moshe o ne a tlhalosa tshiamo e e
leng ya molao a re, Motho yo o dirang dilo
tse, o tla phela ka tsona.
6 [...]Mme tshiamo e e leng ya tumelo e bua
jaana e re, O seke wa re mo pelong ya
gago, Ke mang yo o tla tlhatlogelang kwa
legodimong? (go bua jalo, ke go folosa
Keresete kwa godimo:)
7 [...]Kgotsa gore, Ke mang yo o tla
fologelang kwa botennyeng? (gore jalo, ke
go tlhatlosa Keresete gape mo baswing.)
8 [...]Mme jaanong lo a reng? Lefoko le gaufi
le wena, mo molomong wa gago, le mo
pelong ya gago: ke lona ,lefoko la tumelo,
leo re le rerang;
9 [...]Gonne fa o ipolela ka molomo o re Jesu
ke Morena, o dumela mo pelong gore
Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla
pholosiwa.
10 [...]Gonne go dumela ka pelo go isa motho
tshiamong; go ipolela ka molomo go isa
motho pholosong.
11 [...]Gonne lokwalo lwa re, Le fa e le mang
le mang yo o dumelang mo go ene ga a
kitla a tlhajwa ke ditlhong.
12 [...]Gonne ga gona phapang gare go Mojuta
le Mogerika: gonne e ne ke Morena wa
botlhe, o humetse botlhe ba ba mmitsang.
13 [...]Gonne mongwe le mongwe yo o tla
bitsang ka leina la Morena o tia pholosiwa.

14 [...]Jaanong ba tla bitsa jang yo ba iseng ba

dumele mo go ene? mme ba tla dumela
jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga
gagwe? mme ba tla utlwa jang fa go se
moreri?
15 [...]Ba ka rera jang, ba ise ba rongwe?
gonne go kwadilwe ga twe, Dinao di dintle
jang tsa bona ba ba rerang efangedi ya
kagiso, ba ba tlisang mafoko a boitumelo a
dilo tse molemo!
16 [...]Mme ga ba ke ba utlwelela efangedi
botlhe. Gonne Jesaya a re, Morena, ke
mang yo o dumetseng melaetsa ya rona?
17 [...]Ka jalo tumelo e tla ka go utlwa, mme
go utlwa lefoko la Modimo.
18 [...]Mme ka re, A ga ba ke ba utlwa? Ee
ruri, tumo ya bone e Ue mo lefatsheng
lotlhe, le mafoko a bone a ile kwa
dikhutlong tsa lefatshe.
19 [...]Mme ka re, A ruri Baiseraele ga ba aka
ba tlhaloganya? Moshe o buile pele a re,
ke tla lo tlhotlheletsa lefufeng ka bao e
seng batho, ke lo gakatsa ka morafe o o
senang tlhaloganyo.
20 [...]Mme Jesaya o buile ka bopelokgale, a
re, Ke bonwe ke bao ba neng ba sa
mpatle; Ke senogetse ba ba neng ba sa
botse sepe ka ga me.
21 [...]Mme a raya Baiseraele a re, Ke tlhotse
tsatsi lotlhe ke otlolotse diatla tsa me
bathong ba ba sa utlweng ba ba
ganetsanyang.

KGAOLO 11

[...]Mme jaanong ka re, A Modimo o latlhile

batho ba ona? Modimo wa gana. Gonne le
nna ke Moiseraele, wa peo ya Aborahame,
wa lotso la Benyamene.

2 [...]Modimo ga o ke o latlha batho ba ona ba

o ba itsileng pele. A kampo ga lo itse se
lokwalo lo se buang ka ga Elia? fa a
rapelela baiseraele fa pele ga Modimo, a
re,
3 [...]Morena, ba bolaile baporofeta ba gago,
mme ba digile dialetara tsa gago; mme ke
setse ke le nosi, mme ba batla botshelo jwa
me.
4 [...]Mme Modimo a araba ka goreng? Ke
itshadiseditse banna ba ka nna dikete tse
supileng, ba ba iseng ba obamele
setshwantso sa ga Baale.
5 [...]Go ntse jalo le kajeno go na le masalela
ka fa tlhaolong ya mohau.
6 [...]Mme fa ele ka mohau, ga e sa tlhole ele
ka ditiro: gonne foo mohau e ka bo e sa
tlhole ele mohau. Mme fa ele ka ditiro, foo
ga e sa tlhole e le mohau: go sa nneng jalo
ditiro ga e sa tlhole e le ditiro.
7 [...]Jaanong re tla reng? Baiseraele ga ba ke
ba fitlhelela se ba se batlileng; mme ba ba
tlhaotsweng ba se fitlhetse, mme ba
bangwe ba foufadiwa
8 [...](Jaaka go kwadilwe ga twe, Modimo o
ba neile mowa wa kidibalo, matlho gore ba
se bone, le ditsebe gore ba se utlwe;) go
fitlha mo letsatsing la gompieno.
9 [...]Mme Dafita a re, A tafole ya bone e nne
sera, le lemena, le sekgopi, le pusoloso go
bona:
10 [...]A matlho a bona a fifale gore ba seke
ba bona, mekokotlo ya bona o e konele
ruri.
11 [...]Ka jalo ka re, A ba kgopilwe gore ba
we? Modimo wa gana: go wa ga bone go
tlisitse pholoso mo Baditshabeng, gore
lefufa le tsoge mo Bajuteng.

12 [...]Mme fa go wa ga bone ele khumo ya
lefatshe, ie go koafala ga bona e le khumo
ya Baditshaba; bogolo jang botlalo ba
bone?
13 [...]Gonne ke bua le lona Baditshaba, ka
ke le moaposetolo wa Baditshaba, Ke
godisa tiro ya me:
14 [...]Gore fa go ka nna jalo ke tsose lefufa
mo go bone ba eleng morafe wa ga etsho,
gore ke pholose ba bangwe ba bone.
15 [...]Gore fa tatlhego ya bona e le thuanyo
ya lefatshe, kamogelo ya bona e tla nna
jang, ga e se bophelo go tswa mo baswing?
16 [...]Mme fa leungo la ntlha le le boitshepo,
le yona kgwethe e boitshepo: mme fa medi
e le boitshepo, le dikala le tsona di

boitshepo.
17 [...]Mme fa dikala tse dingwe di kgaotswe,
mme wena, o le setlhare sa olefa sa naga,
mme wa lomelelwa mo go sona, mme wa
abelwa modi le monono wa motlhare
natso;
18 [...]O seke wa belafalela dikala. Mme fa o
belafala, o itse gore ga se wena yoo
rweleng modi, mme modi o rwele wena.
19 [...]Gongwe wa re, Dikala di kgaotswe gore
nna ke lomologangwe teng.
20 [...]Go siame; di kgaotswe ka go tlhoka
tumelo, mme wena o erne ka tumelo. O
seke wa ikgodisa, mme o boife:
21 [...]Gonne fa Modimo o ne a sa rekegele
dikala tsa tlholego, o tlhokomele e se re
gongwe le wena a se go rekegele.
22 [...]Ka jalo bona bopelonomi le bogale jwa
Modimo: mo go bone ba ba oleng, bogale;
mme mo go wena, bopelonomi, fa o
tswelela pele mo molemong wa gagwe: fa
go sa nne jalo le wena o tla kgaolwa.

23 [...]Gape le bone, fa ba khutla go se
dumele, ba tla busediwa: gonne Modimo o
nonofile go b.a busetsa mo mannong a
bone.
24 [...]Gonne fa o kgaotswe mo setlhareng sa
naga ka tlholego, mme o lomagantswe
kgatlhano le tlholego setlhareng se se
molemo sa olefa: kana bogolo jang ba, e
neng ele dikala tsa sona tota, ba busediwa
mo setlhareng sa olefa sa bone?
25 [...]Gonne ga ke rate, bakaulengwe, gore lo
se itse bosaitseweng jo, gore lo se itlhome
lo le botlhale; gore fifalo e dirageletse
BaIseraele, go tsamaya botlalo ba
Baditshaba bo tsena.
26 [...]Mme jalo Baiseraele botlhe ba tla
pholosiwa: jaaka go kwadilwe, Go tla
tswa Mogolodi mo Sione, mme a tlose
boikepo mo go Jakobe:
27 [...]Mme e ke kgolagano ya me le bona,
motlhang oo ke tlosang dibe tsa bone.
28 [...]Jaanong ka go gana Efangedi, ke baba
ba Modimo ka ntlha ya lona: mme ka fa
tlhaolong, ke baratiwa ka ntlha ya
borraetsho.
29 [...]Gonne dineo le pitso ya Modimo ga di
na phetogo.
30 [...]Gonne jaaka lo ne lo sa dumele
Modimo mo metlheng e e fitileng, mme
jaanong lo utlwetswe botlhoko ka go sa
dumeleng ga bona:
31 [...]Le bone jalo ga ba ke ba dumela, gore
le bona ba tie ba utlwelwe botlhoko ka
boutlwelo-botlhoko jo lo bo boneng.
32 [...]Gonne Modimo o ba tswaletse botlhe
ka go sa dumeleng ga bone, gore o tie o ba
utlwele botlhoko botlhe.
33 [...]A boteng jwa khumo le jwa botlhale le
jwa kitso ya Modimo bo ntse jang!

[...]dikatlholo tsa ona ga di na patlisiso jang
ne, le d itse la tse di fitlhegileng tsa ona ga
di na tlhotlhomiso jang ne!
34 [...]Gonne ke mang yo o itsileng
maikaelelo a Morena? gongwe mogakolodi
wa gagwe e ne ele mang?
35 [...]Kgotsa ke mang yo o mo neileng pele,
yo o se kitlang o se busediwa?
36 [...]Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene,
le ka ene, le go ene, a kgalalelo a e nne ya
gagwe ka bosakhutleng. Amen.

KGAOLO 12

[...]Ka jalo, bakaulengwe, ke a le kopa ka
mautlwelo-botlhoko a Modimo, gore lo
neele Modimo mebele ya lona gonna
setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo,
se se kgatlang Modimo, ke yona tirelo
Modimo ya lona e e tshwanetseng.
2 [...]Lo seke Iwa tshwana le lefatshe lena:
mme fetogang ka go ntshwafadiwa
megopolo ya lona, gore io tlhomamise se
eleng thato ya Modimo e e molemo, e e
kgatlang, e e botlalo.
3 [...]Gonne ke raya mongwe le mongwe oo
mo go lona, ka mohau o ke o neilweng,
gore a se ikgopole a le botlhale bogolo go
tshwanelo ya gagwe go gopola; mme a
gopole ka tekanyo, ka fa Modimo o
lekanyeditseng mongwe le mongwe
tekanyo ya tumelo.
4 [...]Gonne jaaka re na le ditokololo di le
dintsi mo mmeleng o le mongwe, mme
ditokololo tseo ga di dire tiro e le nngwe:
5 [...]Mme le rona, le fa re le bantsi, re mmele
o le mongwe mo go Keresete, mme
mongwe le mongwe ke tokololo ya yo
mongwe.

6 [...]Jaaka re na le dineo tse di sa tshwaneng
ka fa mohaung o re neileng ona, Le fa ele
seporofeto, a re porofeteng ka fa
tekanyong ya tumelo;
7 [...]Kgotsa tirelo, a re tlhokomeleng tirelo ya
rona: kgotsa yo o rutang, ga a rute;
8 [...]yo o kgotatsang, a kgotatse: yo o abang,
a abe ka pelo e tshweu; yo o laolang, a
laole
ka tlhoafalo; yo o utlwelang
botlhoko, ga a dire jalo ka boitumelo.
9 [...]A
lorato la lona le se nne la boitimokanyo.
Mme ilang se se bosula; lo ngaparele se se
molemo.
10 [...]Tlhomogelanang pelo ka lerato la
bakaulengwe; le agisane ka tlotlo o kaye
yo mongwe botoka mo go wena;
11 [...]Lo se nne bobodu mo tirong; lo
tlhoafale mo moweng; ka go direla
Morena;
12 [...]Itumeleng mo tsholofelong; lo itshokele
pogisego; lo tswelele ka botlhaga mo
thapelong;
13 [...]Abelang baitshepi ba ba tlhokang; lo
itlwaetse go tshola baeng.
14 [...]Tshegofatsang ba ba lo bogisang:
tshegofatsang, mme lo se hutse.
15 [...]Itumeleng le ba ba itumelang, mme
lelang le ba ba lelang.
16 [...]Mme lo nne le boitlhomo bo le bongwe.
Se batleng dilo tse dikgolo, mme tsalanang
le ba ba kwa tlase. Lo se ikaye botlhale ka
losi.
17 [...]Se buseletseng bosula jwa mongwe ka
bosula. Tlamelang dilo ka boammaruri fa
pele go batho botlhe.
18 [...]Fa go kgonega, jaaka go le mo thateng
ya lona, agisanyang le batho botlhe.
19 [...]Baratiwa, lo se ipusolosetse, mme
sutelang bogale jwa Modimo: gonne go

[...]kwadilwega twe, Pusoloso ke ya me; Ke
tla duela, go bua Morena.
20 [...]Ka gona fa mmaba wa gago a tshwere
ke tlala, mo nee dijo; fa a nyorilwe, mo nee
metsi: gonne ka go dira jalo o tla
tlhatlhaganya magala a molelo mo godimo
ga tlhogo ya gagwe.
21 [...]Lo seke lwa fenngwa ke bosula, mme
fenyang bosula ka molemo.

KGAOLO 13

[...]A motho mongwe le mongwe a ineele go
utlwa balaodi ba bagolo. Gonne ga gona
mmuso fa e se oo tswang Modimong:
mebuso e e leng teng e beilwe ke Modimo.
2 [...]Ka jalo yo o ganang mmuso, o ganetsa
tlhomo ya Modimo: mme ba ba o ganang
ba itsisetsa katlholo.
3 [...]Gonne babusi ga ba boife tirong tse
molemo, mme e le go tsa bosula. Mme
jaana a ga o kitla o boifa taolo? dira se se
molemo, mme o tla bokwa ke bona:
4 [...]Gonne molaodi ke modiredi wa Modimo
go nna molemo go wena. Mme fa o dira se
se bosula, o boife; gonne ga a tsholela
tshaka lefela: gonne ke ene modiredi wa
Modimo, le mmosulosi go betsa yo o
dirang bosula.
5 [...]Ka gona lo tshwanetse go ikokobetsa, e
seng ka petso fela, mme le gona ka ntlha
ya
segakolodi.
6 [...]Mme le gone lo duele lekgeto: gonne ke
bone badiredi ba Modimo, ba ba ineetseng
tiro e o ya bona ka metlha.
7 [...]Ka jalo neelang botlhe tse di ba
tshwanetseng: le neele lekgeto e ne yo o
tshwanetseng ke lekgeto; le pula tsela ene
yoo e mo tshwanetseng; le poifo yo e mo

[...]tshwanetseng; le tlotlo yo o tshwanetseng
ke tlotlo.
8 [...]Lo se kolote ope sepe, fa e se go ratana:
gonne yo o ratang yo mongwe o
diragaditse molao.
9 [...]Gonne ka se, O se akafale, O se bolaye,
O se utswe, O se supe tshupo ya kako, O
se eletse; le fa go ka bo go le taolo e
nngwe e sele, di akareditswe ke lefoko le,
le reng, O rate mongwe ka wena jaaka o
ithata.
10 [...]Lorato ga lo direle mongwe ka wena
bosula: ke ka moo lorato e leng tirafatso ya
molao.
11 [...]Mme le moo, ka lo itse sebaka, gore e
setse e le nako ya go tsoga mo borokong:
gonne pholoso ya rona e atametse jaanong
bogolo go motsing oo re ileng ra dumela
ka ona.
12 [...]Bosigo bo a sa, mme letsatsi le
atametse: ka moo a re apoleng ditiro tsa
lefifi, re apare tsa tlhabano ya lesedi.
13 [...]A re tsamayeng ka boammaruri, jaaka
mo motshegareng; e seng mo medirong ya
dintwa le ya botagwa, e seng mo
dikeletsong tse di bosula tsa nama, e seng
mo kgannye le mo lefufeng.
14 [...]Mme aparang Morena Jesu Keresete,
gore lo se tlamele nama, le go diragatsa
dikeletso tsa yona.

KGAOLO 14

[...]E ne yo o bokoa mo tumeleng mo
tsholeng, mme e seng ka kganetsano ka
ntlha ya dilo tse di sa tlhomamisiweng.
2 [...]Gonne mongwe o dumela fa a ka ja dilo
tsotlhe: mme mongwe, yo o bokoa, o ja
merogo.

3 [...]Yo o jang a se nyatse yo o sa jeng; mme
yo o sa jeng a se atlhole yo o jang: gonne
Modimo o mo amogetse.
4 [...]Wena o mang yo o atlholang motlhanka
wa motho yo mongwe? fa a eme kgotsa a
wa ke ga mong wa gagwe. Ee, o tla
kokotlediwa: gonne Modimo o nonofile go
mo emisa.
5 [...]Mongwe o kaya letsatsi lengwe go feta le
lengwe: mongwe e ne a kaye fa malatsi
otlhe a tshwana. A mongwe le mongwe a
susumetsege ruri mo mogopolong wa
gagwe.
6 [...]Yo o tlhokomelang letsatsi, o le
tlhokomelela Morena; mme yo o sa
tlhokomeleng letsatsi, ga o le tlhokomelele
Morena. Yo o jang, ojela Morena, gonne
o leboga Modimo; mme yo o sa jeng, ga a
jele Morena mme o leboga Modimo.
7 [...]Gonne ga go ope wa rona o o itshelelang,
mme ga go ope wa rona yo o itshwelang.
8 [...]Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena;
mme le fa re swa, re swela Morena: ka jalo
le fa re tshela, kgotsa re swa, re ba
Morena.
9 [...]Gonne go fitlha fa Keresete o ile a swa, a
ba a tsoga, a ba a tshela, gore a nne
Morena wa baswi le batshedi.
10 [...]Mme wena o atlholelang mokaulengwe
wa gago? kgotsa o nyaletsang
mokaulengwe wa gago? gonne re tla ema
botlhe fa pele ga sedulo sa katlholo sa ga
Keresete.
11 [...]Gonne go kwadilwe, Jaaka ke tshela, go
bua Morena, mangole otlhe a tla
nkhubamela, mme loleme, lengwe le
lengwe le tla ipolela mo Modimong.
12 [...]Mme jalo mongwe le mongwe wa rona
o tla ikarabela mo Modimong.

13 [...]Ka jalo a re se tlholeng re atlholana:
mme bogolo atlholang se, gore go se nne
ope yo o beelang mokaulengwe wa gagwe
se se kgopang kgotsa se se digang.
14 [...]Ke a itse, mme ke tlhomamiseditswe
ruri ke Morena Jesu, gore ga go sepe se se
itshekologileng ka bosona: mme ene yo o
se kayang se itshekologile, se
itshekologetse ene.
15 [...]Mme fa mokaulengwe wa gago a
hutsafala ka ga dijo tsa gago, foo o a bo o
sa tlhole o tsamaya ka fa leratong. Se mo
senye ka dijo tsa gago, yoo Keresete o mo
swetseng.
16 [...]Jalo a molemo wa gago o se buiwe
maswe:
17 [...]Gonne puso ya Modimo ga se dijo le
dino; mme ke tshiamo, le kagiso, le
boitumelo mo go Mowa o o boitshepo.
18 [...]Gonne yo o direlang Keresete mo
dilong tse o kgatlhs Modimo, ebile o
amogelwa ke batho.
19 [...]Ka jalo a re lateleng dilo tsa kagiso, le
tse yo mongwe a ka godisang yo mongwe
ka tsona.
20 [...]O se senye tiro ya Modimo ka ntlha ya
dijo. Dilo tsotlhe ruri di itshekile; mme ke
bosula mo mothong fa a ja a kgopisegile.
21 [...]Go molemo fa o ka tlogela go ja nama,
kgotsa go nwa mofeie, kgotsa sengwe se
mokaulengwe wa gago a ka kgopisegang
ka sone, kgotsa a gakala, kgotsa a
kaofadiwa.
22 [...]A o na le tumelo? a e nne ya gago fa
pele ga Modimo. Go tshegofaditswe yo o
sa itshekiseng ka seo o se kayang se le
molemo.

23 [...]Gonne yo o belaelang, o atlhotswe fa a
ja, gonne ga a je ka tumelo: mme tsotlhe
tse e seng tsa tumelo ke boleo.

KGAOLO 15

[...]Rona ba re leng thata re tshwanetse go
itshokela dithetelelo tsa ba bokoa, eseng
go ikgatlha.
2 [...]A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe
mongwe ka ene a mo direle tse di molemo
tsa go agana mo tumelong.
3 [...]Gonne Keresete le ene ga a ka a ikgatlha;
jaaka, go kwadilwe, Dikgobo tsa ba ba go
kgobileng di wetse go nna.
4 [...]Gonne tsotlhe tse di ileng tsa kwalwa
pele di kwaletswe thuto ya rona, gore rona
ka bopelotelele le kgomotso ya dikwalo re
nne le tsholofelo.
5 [...]Mme jaana Modimo wa bopelotelele le
kgomotso a o le nee mogopolo o le
mongwe yo mongwe go yo mongwe go ya
ka Jesu Keresete:
6 [...]Gore lo galaletse Modimo, Rara wa Jesu Keresete Morena wa rona, ka mogopolo o le bongwe le ka molomo o le mongwe.
7 [...]Ka jalo amogelanang Jaaka Keresete le
ene a re amogetse go isa kgalalelong go
Modimo.
8 [...]Gonne ka re Jesu Keresete o ile a nna
modiredi wa ba bogwera ka boammaruri
ba Modimo, gore a tlhomamise
ditsholofetso tse di solofeditsweng
borraetsho:
9 [...]Gore Baditshaba ba galaletse Modimo ka
ntlha ya kutlwelo-botlhoko ya ona; jaaka
go kwadilwe ga twe, Ka ntlha ya moo ke
tla go ipolela mo Baditshabeng, mme ke
tla opelela leina la gago.

10 [...]Mme gape a re, Itumeleng,lona
Baditshaba, le lona morafe wa gagwe.
11 [...]Mme gape ga twe, Bakang Morena,
Lona Baditshaba botlhe; mo tlotleng, lona
batho botlhe.
12 [...]Mme gape, Jesaya a re, Go tla nna modi
wa ga Jesse, e bong e ne yo o tla tsogang
go laola Baditshaba; mme Baditshaba ba
tla solofela mo go ene.
13 [...]Mme jaana a Modimo wa tsholofelo o
lo tlatse ka boitumelo jotlhe le kagiso mo
go dumeleng, gore lo tote bogolo mo
tsholofelong, ka nonofo ya Mowa oo
Boitshepo.
14 [...]Mme bakaulengwe ba me, le nna ka
nosi ke itse tola ka ga lona gore lo tletse
molemo, lo tladitswe ka kitso yotlhe , ebile
lo nonofile go kaelana.
15 [...]Le fa go ntse jalo, bakaulengwe, Ke lo
kwaletse ka bopelokgale, go le gakolola,
ka bopelo-tlhomogi jo ke bo neilweng ke
Modimo,
16 [...]Gore ke nne modiredi wa Jesu Keresete
mo Baditshabeng, go ba direla Efangeding
ya Modimo, gore Baditshaba ba nne
tshupelo e e amogelwang, e e
itshepisitsweng ke Mowa oo Boitshepo.
17 [...]Ke ka moo ke nang le go ikgaleletsa mo
dilong tse tsa Modimo ka Keresete Jesu.
18 [...]Gonne ke sa ke ka leka go bua sepe sa
dilo tse Keresete o sekang a di dira ka nna,
go dira baheitene boikobo, ka mafoko le
ditiro,
19 [...]Ka nonofo ya ditshupo le
dikgakamatso, le ka nonofo ya Mowa oo
Boitshepo wa Modimo; gore go simolola
ka Jerusalema, le ntlheng tsotlhe tsa
Ileriko, Ke ile ka rera ka botlalo Efangedi
ya Keresete.

20 [...]E, ke ile ka gagamalela jalo go rera
Efangedi, kwa Keresete a iseng a bolelwe
teng, gore ke se age mo motheong wa yo
mongwe:
21 [...]Mme jaaka go kwadilwe, Ba a sa
bolelwang go bona, ba tla bona: mme ba
ba sa utlwang ba tla tlhaloganya.
22 [...]Ke ka moo ke ileng ka palelwa gantsi
go tla koo go lona.
23 [...]Jaanong e re ke sa tlhole ke na le kwa
ke yang teng mo mafatsheng a , e bile e
setse ele dingwaga tse dintsi ke ntse ke
eletsa go tla koo go lona;
24 [...]Ke tla tla go lona, motlhang o o ke
etelang Sepania; gonne ke solofela go lo
bona ka leeto lwa me, le go iswa ke lona
teng, fa ke sena go kgorisiwa ke lona go le
go nnye.
25 [...]Mme jaana ke etela Jerusalema go
direla baitshepi.
26 [...]Gonne ba Makedonia le Akaya ba bone
go le molemo go phutela bahumanegi ba
baitshepi ba kwa Jerusalema dikatso.
27 [...]Go ne go ba kgatlile; mme ruri ba
molato go bona. Gonne fa Baditshaba ba
abetswe dilo tsa bone tsa mowa, ke
tshwanelo ya gore bone ba ba leboge ka
dilo tsa bone tsa nama.
28 [...]E tla re fa ke sena go wetsa tse, le go
tsenya maungo a dikabelo mo diatleng tsa
bone, ke fete ka lona fa ke ya ko Sepania.
29 [...]Mme ke a itse, fa ke tla re ke tla go
lona, Ke tla tla mo botlalong jwa
tshegofatso ya efangedi ya Keresete.
30 [...]Mme ke a lo rapela, bakaulengwe, ka
ntlha ya Jesu Keresete Morena wa rona, le
ka lorato la Mowa. gore lo dire ga mmogo
le nna rno ntweng ka go nthapelela
Modimong;

31 [...]Gore ke falodisiwe mo go bone ba ba sa
dumeleng kwa Jutea; le gore tirelo ya me e
ke e direlang Jerusalema e amogelwe ke
baitshepi;
32 [...]Gore ke fitlhe go lona ka boitumelo ka
thato ya Modimo, le go lapoloswa le lona.
33 [...]A Modimo wa kagiso o nne le lona
lotlhe. Amen.

KGAOLO 16

[...]Ke lo laela Febe kgaitsadia rona, yo e leng
modiredi wa phutego e e kwa Kenegerea:
2 [...]Gore lo mo tshole Moreneng, jaaka go
tshwanetse baitshepi, le go mo thusa mo
tirong le fa ele efe e o tlhokang thuso ya
lona go yona: gonne e ne ele mothusi wa
ba bantsi, le wa me ka nosi.
3 [...]Dumedisang Perisila le Akwila bathusi
ba me mo go Keresete Jesu:
4 [...]Ba ba femetseng botshelo jwa me ka
dithamo tsa bona: ba ke ba lebogang,
eseng nna fela ebile ba lebogwa ke
diphutego tsotlhe tsa Baditshaba.
5 [...]Le gona dumedisang phutego e e
kgobokanelang mo ntlong ya bone.
Dumedisang Epeneto moratiwa wa me, yo
e leng ene wa ntlha yo o ineetseng
Keresete kwa Akaia.
6 [...]Dumedisang Maria, yoo re diretseng a
itapisa bogolo ka ntlha ya rona.
7 [...]Dumedisang Anderoniko le Junia, tsala
tsa me, le bagolegwa mmogo le nna, ba ba
kaiwang bogolo mo baaposetolong, ba ba
neng ba ineetse Keresete pele ga me.
8 [...]Dumedisang Ampelea moratiwa wa me
mo Moreneng.

9 [...]Dumedisang Urubano, mothusi le rona
mo go Keresete, Le Satagi moratiwa wa
me.
10 [...]Dumedisang Apele yo o ikanyegang mo
go Keresete. Dumedisang ba ntlo ya ga
Arisetobulo ba ba leng mo Moreneng.
11 [...]Dumedisang Herodione tsala ya me.
Dumedisang ba ntlo ya ga Narekiso, ba e
leng ba Morena.
12 [...]Dumedisang Terefina le Terefosa,
basadi ba ba direlang Morena. Dumedisa
Peresise wa moratwa, mosadi yoo ileng a
dira segolo mo Moreneng.
13 [...]Dumedisang Rufo motihaodwi wa
Morena, le rnmagwe le wa me.
14 [...]Dumedisang Asenkerito, Felegone,
Hereme, Pateroba, le Herema, le
bakaulengwe ba ba nang nabo.
15 [...]Dumedisang Filologo, le Yulia, le
Nereo, le kgaitsadie, le Olempa, le
baitshepi botlhe ba ba nang nabo.
16 [...]Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.
Diphutego tsotlhe tsa Keresete di a lo
dumedisa.
17 [...]Bakaulengwe, jaanong ke a lo rapela,
gore lo ele tlhoko ba ba tsosang
dikgaogano le dikgopiso tse di
ganetsanang le thuto e lo e rutilweng; mme
lo ba ikgatholose.
18 [...]Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle
Jesu Keresete Morena wa rona, mme ba
direla dimpa tsa bone; mme dipelo tsa ba
ba bokoa ba ditsietsa ka mafoko a a
borethe le ka dipuo tse dintle.

19 [...]Kana kutlo ya lona e e itsegile go
botlhe. Ka moo ke a lo itumelela: ke bile
ke eletsa gore^lo tlhalefe mo molemong,
mme lo sisimoge bosula.
20 [...]Mme Modimo wa kagiso o tla gataka
satane ka bonako fa tlase ga dinao tsa lona.
Tshegofatso ya Morena wa rona Jesu
Keresete e nne le lona. Amen.
21 [...]Timotheo mothusi wa me, le Lukio, le
Jasone, le Sosipatere, ditsala tsa me, ba lo
dumedisa.
22 [...]Nna, ke le Teretio, mokwadi wa
lokwalo le, ke a lo dumedisa mo
Moreneng.
23 [...]Gayo motlamedi wame, le wa phutego
yotlhe, o a lo dumedisa. Eraseto
motsholamadi wa motse o a le dumedisa,
le Kwaratp mokaulengwe.
24 [...]Tshegofatso ya Morena wa rona Jesu
Keresete e nne le lona lotlhe. Amen.
25 [...]Mme jaanong ene yo o nonofileng go
ka lo tiisa ka fa Efangeding ya me, le thero
ya ga Jesu Keresete, ka fa tshenolong ya
bosaitsiweng, jo bo neng bo fitlhegile go
tloga tshimologong ya lefatshe,
26 [...]Mme jaanong bo bonaditswe, le ka
dikwalo tsa baporofeti, ka fa taolong ya
Modimo yo o sa kgutleng, jo bo
itsisitsweng merafe yotlhe gore e ineele mo
kutlong ya tumelo:
27 [...]Go Modimo yo o botlhale a le osi, a
tlotlo e neelwe ene ka Jesu Keresete ka
bosakhutleng. Amen.