KGAOLO 1

Mo tshimologong go ne go le Lefoko,
mme Lefoko le ne le na le Modimo, mme
Lefoko e ne ele Modimo.
2 Le na le na le Modimo mo tshimologong.
3 Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene; mme kwa
ntle ga gagwe ga go a dirwa sepe sa tse di
dirilweng.
4 Bophelo bo ne bo le mo go ene; mme
bophelo e ne ele lesedi la batho.
5 Mme lesedi la phatsima mo lefifing;
mme lefifi ga le ake la le amogela.
6 Ga bo go le monna a romilwe ke
Modimo, a bitswa Johane.
7 Monna yo o ile a tla go nna mosupi, go
supa ka Lesedi, gore botlhe ba tie ba
dumele ka ene.
8 Ene e ne e se Lesedi leo, mme o ile a
rongwa
go supa ka Lesedi.
9 Yoo ene ele Lesedi la boammaruri, leo le
bonesetsang motho mongwe le mongwe yo
o tlang mo lefatsheng.
10 O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe
le dirilwe ka ene, mme lefatshe ga le a ke
la mo itse.
11 O ne a tla kwa go bagagwe, mme ba
gagwe ba seke ba mo tshola.
12 Mme botlhe ba ba ileng ba mo tshola, o
ne a ba neela taolo go nna bana ba
Modimo, e bong ba ba dumelang mo
leineng la gagwe:
13 Ke ba ba sa tsalwang, ka madi, le eseng
ka thato ya nama, le eseng ka thato ya
motho, mme ele ka thato ya Modimo.
14 Mme Lefoko la nna nama, la aga mo go
rona, (mme ra ba ra bona kgalalelo ya
gagwe, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o

tsetsweng a le esi wa Rara,) a tletse
bopelotlhomogi le boammaruri.
15 Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua,
a re, Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka
re, Yo o tlang morago ga me o mogolo go
nna: gonne o ne a le teng ke ise ke nne
teng.
16 Gonne rona rotlhe re bone
bopelotlhomogi godimo ga
bopelotlhomogi, mo botlalong jwa gagwe.
17 Gonne molao o ile wa neelwa ke
Moshe, mme bopelotlhomogi le
boammaruri bo tlile ka Jesu
keresete.
18 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo
ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le
esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo
o buileng.
19 Tshupo ya ga Johane ke e, Erile Bajuta
ba roma baperesite le Balefi go ene ba
tswa kwa Jerusalema go mmotsa gore, O
mang?
20 Mme a ipolela, a seke a itatola; mme a
ipolela a re, Ga ke Keresete.
21 Mme ba mmotsa ba re, O mang gee? A
o Elia? mme a re, Ga ke ene. A ke wena
moporofeti yole? A araba a re, Nyaya.
22 Ke fa ba mo raya ba re, Mme o mang?
gore re tie re arabe ba ba re romileng. O a
reng ka ga gago?
23 A re, Ke nna lentswe la mongwe yo o
kuang mo sekakeng, Siamisang tsela ya
Morena, jaaka moporofeti Jesaya a kile a
bua.
24 Ba ba neng ba romilwe e ne ele
Bafarasai.
25 Mme ba mmotsa, ba re, O kolobeletsang
fa o se Keresete, le eseng Elia le eseng
moporofeti yole?

26 Johane a ba araba, a re, Nna ke
kolobetsa ka metsi: me go erne mongwe
mo gare ga lona, yo Je sa mo lemogeng;
27 Yoo ke ene, yo o tlang morago ga me
yo o dirilweng mogolo go nna, yoo ke sa
tshwanelang go funolola kgole ya setlhako
sa gagwe.
28 Dilo tse di diragetse kwa Bethabara
kwa moseja ga noka ya Joretane, kwa
Johane o neng a kolobetsa teng.
29 Tsatsi lengwe Johane o ne a bona Jesu a
tla kwa go ene, mme a re, Bonang Kwana
ya Modimo, e e tlosang boleo jwa lefatshe.
30 Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga
gagwe ka re, Monna yo o tlang morago ga
me o mogolo go nna: gonne o ne a le teng
ke ise ke nne teng.
31 Le nna ke ne ke sa mo itse: mme gore
ene a tie a senolelwe Jseraele, nna ke tlile
go kolobetsa ka metsi.
32 Johane a ba a supa, a re, Ke bonye
Mowa o fologa jaaka lephoi o tswa kwa
legodimong, wa nna mo go ene.
33 Le nna ke ne ke sa mo itse: mme ene yo
o nthomileng go kolobetsa ka metsi, o ne a
nthaya a re, E ne yo o tla bonang Mowa o
fologela mo go ene, o nna mo go ene, ke
ene yo o kolobetsang ka Mowa o o
Boitshepo.
34 Mme ke ile ka bona, ka ba ka supa gore
yo ke Morwa Modimo.
35 Letsatsi le le latelang Johane a bo a
eme, le barutwa ba gagwe ba le babedi;
36 A leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re,
Bonang Kwana ya Modimo!
37 Mme Barutwa ba babedi ba utlwa a
bua jalo, mme ba sala Jesu morago.
38 Mme Jesu a retologa, a ba bona ba mo
setse morago, a ba raya a re, Lo batlang?

Mme ba mo raya ba re, Rabbi, (ke gore ka
phetolelo, Moruti)o nna kae?
39 A ba raya a re,Tlang lo bone. Ba tla ba
bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae
letsatsi leo: Nako e ne e ka nna ya ura ya
lesome.
40 Andrea, morwa-rragwe Simone Petoro,
e ne ele mongwe wa ba ba bedi ba ba neng
ba utlwile Johane, ba mo sala morago.
41 Yoo a bona Simone morwa-rragwe
pele, a mo raya a re,Re bonye Mesia, mo
phetolelong ke gore Keresete.
42 A ba a mo isa go Jesu, Ya re fa Jesu a
mo leba, a re, O Simone morwa Jona: o tla
bidiwa Kefase, Ke gore lefika, ka phetolo.
43 Mme ya re letsatsi le le latelang Jesu a
ya kwa Galelea, a bona Filipo, mme a mo
raya a re, Ntshale morago.
44 Filipo e ne ele wa kwa Betsaita, motse
wa kwa ga bo Andrea le Petoro.
45 Filipo a bona Nathaniele, mme a mo
raya a re, Re mmonye, yo Moshe a
kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le
bone baporofeti, ebong Jesu wa Nasaretha,
morwa Josefa.
46 Mme Nathaniele a mo raya a re, A
sengwe se se molemo se ka tswa kwa
Nasaretha? Filipo a mo raya a re, Tlaa o
bone.
47 Jesu a bona Nathaniele a tla kwa go
ene, a bua ka ga gagwe a re, Bonang
Moiseraele wa boammaruri, yo go senang
boferefere mo go ene!
48 Nathanaele a mo raya a re, O nkitse
jang? Jesu a mo araba ka gore, Pele Filipo
a ne a ka go bitsa, Fa o ne o ntse fa tlase
ga setlhare sa mofeie, Nna ke ne ka go
bona.

49 Nathanaele a mo araba a re, Rabbi, o
Morwa Modimo; o Kgosi ya Iseraele.
50 Jesu a araba a re, A o dumela ka gonne
ke go boleletse ka re, ke go bone fa tlase
ga setlhare sa mofeie? o tla bona dilo tse
dikgolo go feta tse.
51 A bo a mo raya a re, Ammaruri,
ammaruri, ke lo raya ke re, Go tloga
jaanong le tla bona legodimo le bulegile, le
baengele ba Modimo ba tlhatloga ba
fologela godimo go Morwa motho.

KGAOLO 2

Mme ga bo go le ienyalo mo motseng wa
Kana mo Galalea ka letsatsi la boraro;
mme mmaagwe Jesu a bo a le teng:
2 Mme Jesu a bidiwa, le barutwa ba
gagwe, ba bilediwa lenyalong.
3 Mme ya re ba batla weine, Mma Jesu a
mo raya a re, Ga ba na weine.
4 Jesu a mo raya a re, Mosadi, ke
tlhakanetseng nao? nako ya me ga ise e tle.
5 Mmaagwe a raya badiredi a re, Sengwe
le sengwe se o tla lo se rayang, lo se dire.
6 Jaanong ga bo go le dinkgo tsa metsi tsa
majwe tse thataro, tse di beilweng ka fa
mokgweng wa Bajuta wa go tlhapa, ngwe
le ngwe e ka tshola dikgamelo di ka nna
tlhano go ya go tse supa.
7 Jesu a ba raya a re, Tlatsang dinkgo tse
ka metsi. Mme ba di tshela tsa ba tsa tlala.
8 Mme a ba raya a re, Gayang jaanong, lo
ise kwa go morulaganyi wa moletlo. Mme
ba bo isa.
9 Ya re morulaganyi wa moletlo a utlwa
metsi a a fetotsweng weine, a sa itse kwa e
tswang teng: (go itse badiredi fela; ba ba

gileng metsi) molaodi wa moletlo a bitsa
monyadi,
10 A mo raya a re, Motho mongwe le
mongwe o a tie a ntshe weine e e monate
pele; mme fa ba sena go kgora, go ntshiwe
e e seng monate: Wena o bolokile weine e
e monate go fitlha jaanong.
11 Jesu o ne a dira tshimologo e ya
dikgakgamatso kwa Kana wa Galalea, a
bonatsa kgalalelo ya gagwe; mme barutwa
ba gagwe ba mo dumela.
12 Morago ga moo a ya kwa
Kaperenaume, ene, le mmaagwe, le
bomonnaawe, le barutwa ba gagwe: mme
ba tlhola teng malatsi a se kae.
13 Mme Paseka ya Bajuta ya bo e le gaufi,
mme Jesu a ya kwa Jerusalema,
14 Mme a fitlhela mo tempeleng bona ba
ba rekisang dikgomo le dinku le maeba, le
baananyi ba madi ba dutse:
15 Ya re a sena go dira seitei ka megala, a
ba kgarameletsa kwa ntle ga tempele
botlhe, le tsona dinku, le dikgomo; madi a
baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a
di pitikolola;
16 A raya bone ba ba bapatsang maeba a
re, Tlosang dilo tse fa; se direng ntlo ya ga
Rre ntlo ya thekelo.
17 Mme barutwa ba gagwe ba
gakologelwa gore go kwadilwe ga twe,
Tlhoafalo ya ntlo ya gago e njele.
18 Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re, O ka re
bontsha sesupo se fe, ka ele fa o dira dilo
tseo?
19 Jesu a ba araba a re, Thubang tempele
e, mme nna ke tla e tsosa ka malatsi a
mararo.

20 Foo Bajuta ba re, Tempele e agilwe
dingwaga di le 46, a wena o ka e tsosa ka
malatsi a mararo?
21 Mme ene o ne a bua ka ga tempele ya
mmele wa gagwe.
22 Jaanong erile a sena go tsosiwa mo
baswing, barutwa ba gagwe ba
gakologelwa gore o kile a bua jalo le bone;
mme ba dumela makwalo, le lefoko le Jesu
o le buileng.
23 Mme ya re a le mo Jerusalema ka
moletlo wa Paseka, bontsi ba ne ba dumela
mo leineng la gagwe, ka ba bona ditshupo
tse gagwe tse o di dirang.
24 Mme Jesu ka esi a seke a ba ikanya, ka
a ba itse botlhe,
25 Mme a sa tlhoke go supediwa ke ope
wa bone: gonne a itse se se mo mothong.

KGAOLO 3

Mme ga bo go le motho wa Bafarasai, yo o
bidiwang Nikotemo, molaodi mongwe wa
Bajuta:
2 Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re,
Rabi, re a itse gore o moruti yo o tswang
kwa Modimong: gonne ga go ope yo o ka
dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa
Modimo a sena nae.
3 Jesu a mo araba a re, Ammaruri,
ammaruri, ke go raya ke re, Fa motho a sa
tsalwe sesha, ga a kitla a bona puso ya
Modimo.
4 Nikotemo a mo fetola a re, Motho a ka
tsalwa jang fa a setse a godile? a a ka
tsena la bobedi mo sebopelong sa ga
mmaagwe, a bo a tsalwa?
5 Jesu a mo fetola a re, Ammaruri,
ammaruri, Ke go raya ke re, Fa motho a sa

tsalwe ka metsi le ka Mowa, ga a kake a
tsena mo pusong ya Modimo.
6 Se se tsetsweng ke nama ke sona nama;
mme se se tsetsweng ke Mowa ke sona
mowa.
7 Se gakgamale fa ke go reile ka re, O
tshwanetse go tsalwa sesha.
8 Phefo e fokela kwa e ratang teng, o utlwa
mosumo wa yone, fela ga o itse kwa e
tswang teng, le kwa e yang teng: go ntse
fela jalo ka mongwe le mongwe yo o
tsetsweng ke Mowa.
9 Nikotemo a fetola a re, Dilo tse di ka
dirafala jang?
10 Jesu a mo araba a re, O moruti wa
Iseraele, mme dilo tse ga o di itse?
11 Ammaruri, ammaruri, ke go raya ke re,
Re bolela se re se itseng, re bile re supa se
re se bonyeng; mme lona ga lo tshole
tshupo ya rona.
12 Fa ke lo boleletse dilo tsa lefatshe, mme
lo sa dumele, lo tla dumela jang, ga ke lo
bolelela dilo tsa legodimo?
13 Mme ga go ope yo o tlhatlogetseng kwa
legodimong, fa ese ene yo o fologileng
kwa legodimong, ebong Morwa motho yo
o kwa legodimong.
14 Mme jaaka Moshe a kile a tlhatlosa
noga kwa sekakeng, Morwa motho le ene o
tla tlhatlosiwa jalo:
15 Gore mongwe le mongwe yo o
dumelang mo go ene a se latlhege, mme a
nne le bophelo jo bo sa kbutleng.
16 Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go
kalo, mo o bileng wa le neela Morwa o ne
yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le
mongwe yo o dumelang mo go ene a seke
a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa
khutleng.

17 Gonne Modimo ga wa ka wa roma
Morwa ona mo lefatsheng go atlhola
lefatshe; mme ele gore lefatshe ka ene le
pholosiwe.
18 Yo o dumelang mo go ene ga a
atlholwe, yo o sa dumeleng o atlhotswe le
gompieno, ka a sa ka a dumela mo leineng
la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi.
19 Mme e ke katlholo, gore lesedi le tsile
mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi
bogolo go lesedi, gonne ditiro tsa bone di
ne di le bosula.
20 Gonne mongwe le mongwe yo o dirang
bosula o ila lesedi, ebile ga a batle go tla
go lone, e se re gongwe ditiro tsa gagwe di
kgalemelwe.
21 Mme yo o dirang boammaruri o tla
leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe,
fa di dirilwe mo Modimong.
22 Erile morago ga dilo tse Jesu a tla mo
lefatsheng la Jutea a na le barutwa ba
gagwe; mme a diega nabo gona, a
kolobetsa.
23 Johane le ena a bo a kolobetsa mo
Ainona gaufi le Salema, gonne metsi a ne a
le mantsi teng: mme ba tla, ba kolobediwa.
24 Gonne Johane o ne a ise a tsengwe mo
ntlong ya kgolegelo.
25 Mme teng ga tsoga potso magareng ga
barutwa ba Johane le Bajuta ka ga
phepafatso.
26 Mme ba ya kwa go Johane, ba mo raya
ba re, Rabi, yo o neng o na nae kwa
moseja ga noka ya Joretane, yo o supileng
ka ga gagwe, bona, o a kolobetsa, mme
batho botlhe ba ya kwa go ene.
27 Johane a ba araba a re, Motho ga a kake
a amogela sepe. fa a seka a se newa go
tswa kwa legodimong.

28 Le lona ka losi le basupi ba me, fa ke
rile, Ga ke Keresete, fa e se gore ke
rometswe pele ga gagwe fela.
29 Yo o nang le monyadwi ke monyadi:
mme tsala ya monyadi, yo o emeng a mo
utlwa, o itumelela lentswe la monyadi:
mme ka jalo boitumelo jo jwame bo
digetse.
30 Ena o tshwanetse go gola, mme nna ke
ngotlafale.
31 Yo o tswang kwa godimo o godimo go
botlhe: yo e leng wa lefatshe ke wa
lefatshe, mme o bua ka ga lefatshe: yo o
tswang legodimong o godimo go botlhe.
32 Se o se bonyeng a se utlwa, ke sone se
o se supang; mme ga go ope yo o
amogelang tshupo ya gagwe.
33 Yo o amogetseng tshupo ya gagwe o
tlhomamisitse a baya sekano sa gagwe sa
gore Modimo o boammaruri.
34 Gonne yo Modimo o mo romileng o
bua mafoko a Modimo: gonne Modimo ga
o abe Mowa ka selekanyo go ene.
35 Rara o rata Morwa, mme o neetsee dilo
tsotlhe mo seatleng sa gagwe.
36 Yo o dumelang mo go Morwa Modimo
o na le botshelo jo bo sa khutleng: mme yo
o sa dumeleng Morwa Modimo ga a kitla a
bona botshelo; mme bogale jwa Modimo
bo ntse mo go ene.

KGAOLO 4

Ke gona erileng Morena a lemoga gore
Bafarasai ba utlwile fa Jesu a dira ebile a
kolobetsa barutwa ba le bantsi bogolo go
Johane,
2 (Le mororo Jesu ka esi a sa kolobetse,
mme e le barutwa ba gagwe,)

3 O ne a tloga mo Jutea, mme a boela kwa
Galalea.
4 Mme o ne a tshwanetse go ralala
Samaria.
5 Jaanong a fitlha kwa motseng mongwe
wa Samaria, o o bidiwang Sikara, gaufi le
sebata sa lefatshe se Jakobe o se neileng
morwawe Josefa.
6 Mme sediba sa ga Jakobe sa bo se le foo.
Mme ya re ka Jesu a ne a tsenwe ke letsapa
la leeto, a dula fa sedibeng: e ka ne ele ura
ya borataro.
7 Ga tla mosadi mongwe wa Samaria go ga
metsi: Jesu a mo raya a re, Mphe ke nwe.
8 (Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile
mo motseng go reka dijo.)
9 Mme mosadi wa mosamaria a mo raya a
re, Go ka diragala jang gore wena, yo o
leng Mojuta, o kope metsi mo go nna, ke
le mosadi wa Samaria? Gonne Bajuta ga
ba tsalane le Basamaria.
10 Jesu a mo fetola a re, Fa o ka bo o ne o
itse neo ya Modimo, le yo o go rayang a
re, Mphe ke nwe; o ka bo o kopile ena,
mme a ka bo a go neetse metsi a a
tshelang.
11 Mme mosadi a mo raya a re, Morena,
ga o na segelelo, mme sediba se boteng:
mme metsi a a tshedileng ao, o a tsaya
kae?
12 A o mogolo go feta rraetsho Jakobe, yo
o re nneileng sediba se, le ena a nwa mo go
sona, le bomorwae, le dikgomo tsa gagwe?
13 Jesu a mo araba a re, Mongwe le
mongwe yo o nwang metsi a o tla nyorwa
gape:
14 Mme mongwe le mongwe yo o tla
nwang metsi a ke tla mo nayang ga a kitla
a tlhola a nyorwa gape; mme metsi a ke tla

mo neelang, a tla nna motswedi wa metsi
mo go ena a a elelang go isa botshelong jo
bo sa khutleng.
15 Mosadi a mo raya a re, Morena, a ko o
nnose metsi ao gore ke se tlhole ke
nyorwa, le eseng go tla kwano go ga.
16 Jesu a mo raya a re, Tsamaya, o bitse
monna wa gago, mme Jo tie kwano.
17 Mosadi a mo fetola a re, Ga ke na
monna. Jesu a mo raya a re, O buile sentle,
Fa o re ga o na monna:
18 Gonne o ne o na le banna ba le tlhano;
mme yo o nang nae gompieno ga se monna
wa gago: moo o buile boammaruri.
19 Mosadi a mo raya a re, Morena, ke la
lemoga fa o le moporofeti.
20 Borraetsho ba ne ba obamela mo
thabeng e; mme lona lo a re, Jerusalema ke
felo kwa batho ba tshwanetseng go
obamela teng.
21 Jesu a mo raya a re, Mosadi, ntumele,
lobaka lo etla, lo lo se kitlang lo obamela
Rara ka lona mo thabeng e, le fa e le mo
Jerusalema.
22 Lona lo obamela se lo sa se itseng:
mme rona re obamela se re se itseng:
gonne pholoso e tswa mo Bajuteng.
23 Gonne lobaka lo etla, le gompieno le
fitlhile, le baobamedi ba boammaruri ba tla
obamelang Rara ka lona ka mowa le
boammaruri: gonne Rara o batla ba ba
ntseng jalo go mo obamela.
24 Modimo ke Mowa: mme ba ba o
obamelang ba tshwanetse go o obamela ka
mowa le boammaruri.
25 Mosadi a mo raya a re, Ke a itse Mesia
o etla, yo o bidiwang Keresete: e tla re fa
ena a tsile, o tla re bolelela dilo tsotlhe.

26 Jesu a mo raya a re, Nna yo ke buang
nao, ke nna ena.
27 Ke fa barutwa ba gagwe ba tla, mme ba
gakgamala ka a bua le mosadi: le fa go
ntse jalo ope a seke a re, O batlang?
kgotsa, O buelang nae?
28 Jaanong mosadi a tlogela nkgwana ya
gagwe ya metsi, a ya kwa motseng, mme
a raya batho a re,
29 Tlaang, lo bone monna, yo o
mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng: eo a
ga se Keresete?
30 Ba tswa mo motseng, ba tla go ene.
31 Barutwa ba sala ba mo rapela, ba re,
Rabi, e ja.
32 Ene a ba raya a re, Ke na le sejo se ke
se jang se lona lo sa se itseng.
33 Jaanong barutwa ba botsanya ba re, A
mongwe o mo tliseditse dijo?
34 Jesu a ba raya a re, Sejo sa me ke go
dira thato ya yo o nthomileng, le go wetsa
tiro ya gagwe.
35 A ga lo re, Go setse dikgwedi tse nne,
go ya thobong? bonang, Ke lo raya ke re,
Tsholeletsang matlho, lo lebe masimo:
gonne a setse a sweufaletse thobo.
36 Yo o robang o bona tuelo, mme a
phutele leungo bophelong jo bo sa
khutleng: gore yo o jwalang le yo o robang
ba itumele mmogo.
37 Gonne lefoko le diragaditswe le le reng,
Mongwe o a jala, mme mongwe o a roba.
38 Ke lo romile go roba fa lo neng lo sa
dira teng: go dirile ba bang, mme lona lo
tsenye mo tirong tsa bone.
39 Mme bontsi ba Basamaria ba motse oo
ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la
mosadi yo o supileng, a re; O mpoleletse
tsotlhe tse ke di dirileng.

40 Erile jaanong Basamaria ba tla go ene,
ba mo rapela gore a tlhole nabo: A tlhola
teng malatsi a le mabedi.
41 Mme ga dumela ba le bantsi ka ntlha ya
lefoko la gagwe;
42 Ba raya mosadi ba re, Jaanong re a
dumela, eseng ka ntlha ya lefoko la gago:
gonne rona ka nosi re mo ikutlwetse, Mme
re itse gore ke ene Keresete tota,
Mopholosi wa lefatshe.
43 Morago ga malatsi a mabedi a tswa
teng, a ya Galalea.
44 Gone Jesu ka esi o ne a supa, fa
moporofeti a sena tlotlego epe mo
lefatsheng la gabo.
45 Erile jaanong a fitlha kwa Galalea,
Bagalalea ba mo tshola, ka ba bonye
tsotlhe tse a di dirileng kwa Jerusalema
kwa moletlong: gonne le bone ba ne ba ile
moletlong.
46 Mme jaanong Jesu a ba a ya kwa Kana
wa Galalea, kwa a kileng a fetola metsi
weine teng. Mme ga bo go le molaodi
mongwe, yo morwa wa gagwe a neng a
bobola kwa Kaperenaume.
47 Erile ene a utlwa gore Jesu o dule kwa
Jutea mme o tsile kwa Galalea, a ya go
ene, a mo rapela gore a tie, go fodisa
morwawe: gonne o ne a le gaufi le go swa.
48 Mme Jesu a mo raya a re, Fa lo sa bone
ditshupo le dikgakamatso, ga lo kitla lo
dumela.
49 Molaodi a mo raya a re, Morena, a oke
o tle pele ngwanake a ise a swe.
50 Jesu a mo raya a re. Tsamaya; morwao
o phedile. Mme a dumela lefoko leo Jesu
a le mo rayang, a tsamaya.

51 Ya re a santse a le mo tseleng,
batlhanka ba gagwe ba mo kgatlanyetsa, ba
mmolelela gore, Morwawe o a tshela.
52 Foo a ba botsa nako e o a fodileng ka
yone. Mme ba mo raya ba re, letshoroma
le mo tlogetse maabane ka ura ya bosupa.
53 Mme jalo rragwe a itse fa ele ura, eo
Jesu a mo reileng ka yone a re, Morwao o
tshedile: mme a dumela, le ba lelapa la
gagwe botlhe.
54 Sesupo se ke sa bobedi se Jesu o se
dirileng, fa a sena go tswa Jutea a ya kwa
Galalea.

KGAOLO 5

Morago ga moo ga bo go le moletlo wa
Bajuta; mme Jesu a ya kwa Jerusalema.
2 Mme ga bo go le mogobe mo Jerusalema
fa kgorong ya dinku, o o bidiwang
Bethesta mo puong ya Sehebera, o o nang
le diobo tse tlhano.
3 Mo go one go ne go letse balwetse ba
bantsi, le difofu, le batlhotsi, le baomeledi,
ba ntse ba letetse kgobero ya metsi.
4 Gonne moengele o ne a tie a fologele mo
bodibeng ka motlha mongwe, a kgobera
metsi: mme yo o tsenang pele morago ga
kgobero ya metsi o ne a fola bolwetseng
bofe le bofe jo bo mo tshwereng.
5 Mme teng ga bo go le monna mongwe, a
lwala dingwaga di ka nna some-a-mararo
le borobedi.
6 Erile Jesu a mmona a letse, mme a itse
gore ga a bolo go nna jalo, a mo raya a re,
A o rata go fola?
7 Molwetse a mo araba a re, Morena, Ga
ke na ope, go ntsenya mo mogobeng: fa

metsi a kgobediwa, mme e re ke sa tla, go
fologela yo mongwe pele ga me.
8 Jesu a mo raya a re, Nanoga, o tsee
bolao jwa gago, o tsamae.
9 Mme monna yoo a akofa a fola, mme a
tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya: Mme
letsatsi leo ene ele la Sabata.
10 Ya ba gona Bajuta ba rayang yo o
fodisitsweng ba re, Ke letsatsi la Sabata:
ga se taolo go wena gore o rwale bolao jwa
gago
.
11 A ba araba a re, Yo o mphodisitseng,
ke ene yo o mpoleletseng a re, Tsaya bolao
jwa gago, mme o tsamaye.
12 Ba mmotsa ba re, Motho yoo ke mang
yo o go reileng a re, Tsaya bolao jwa gago,
mme o tsamae?
13 Mme yo o fodisitsweng o ne a sa mo
itse: gonne Jesu o ne a ngwangwaetse, go
le batho ba bantsi mo felong foo.
14 Morago ga moo Jesu a mmona mo
tempeleng, mme a mo raya a re, Bona, o
fodile: o se tlhole o leofa, e se re gongwe
wa diragalelwa ke se se bosula go feta se.
15 Mme motho yoo a tsamaya, a bolelela
Bajuta gore ke Jesu, yo o mo fodisitseng.
16 Ka ntlha ya moo Bajuta ba tlhomara
Jesu, ba batla go mmolaya, gonne a ile a
dira dilo tse ka sabata.
17 Mme Jesu a ba raya a re, Rara o a dira
le ka nako eno, le nna ke a dira.
18 Ke ka ntlha ya moo Bajuta ba neng ba
batla bogolo go mmolaya, eseng fela ka a
sentse sabata, mme le gona a rile Modimo
ke rragwe, a itekanya le modimo.
19 Mme Jesu a ba fetola a ba raya a re,
Ammaruri, ammaruri, Ke lo raya ke re,
Morwa ga a kitla a dira sepe ka esi, fa a ise

a bone Rara a se dira: gonne tse o di
dirang, le tsona Morwa o a di dira.
20 Gonne Rara o rata Morwa, mme o mo
supetsa tsotlhe tse o di dirang: mme o tla
mo supetsa dilo tse dikgolo go tse, gore lo
gakgamale.
21 Gonne jaaka Rara a tsosa baswi, a ba
tshedisa; go ntse jalo le Morwa o tshedisa
ba o ratang go ba tshedisa.
22 Gonne Rara ga a atlhole ope, mme
katlholo yotlhe e neetswe Morwa:
23 Gore botlhe ba tlotle Morwa, jaaka ba
tlotla Rara. E ne yo o sa tlotleng Morwa
ga a tlotle Rara yo o mo romileng.
24 Ammaruri, ammaruri, ke lo raya ke re,
Yo o utlwang lefoko la me, a dumela ene
yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa
khutleng, mme ga a kitla a tsena mo
katlholong; mme o kgabagantse loso a
tshelela botshelong.
25 Ammaruri, ammaruri, Ke lo raya ke re,
Nako e e tla, le jaanong e setse e tlile, e
baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa
Modimo: mme ba ba le utlwang ba tla
phela.
26 Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo
go ene ka esi; go ntse jalo o neile Morwa
go nna le botshelo mo go ene ka esi;
27 O bile o mo neetse taolo ya go atlhola,
ka ele ene Morwa motho.
28 Mme se gakgamaleng: gonne nako e e
tla, eo botlhe ba ba mo diphupung ba tla
utlwang lentswe la gagwe ka yona,
29 Mme ba tla tswa; ba ba dirileng tse di
molemo, go ya tsogong ya bophelo; mme
ba ba dirileng tse di bosula, go ya tsogong
ya tatlhego.
30 Ga nkake ka dira sepe ka osi: ke
atlhola, jaaka ke utlwa: mme katlholo ya

me ke ya tshiamo; gonne ke sa batle thato
ya me, mme ele thato ya Rara yo o
nthomileng.
31 Fa ke supa ka ga me, tshupo ya me ga
se ya boammaruri.
32 Mme mongwe o teng yo o supang ka ga
me; mme ke a itse fa tshupo ya yo o
supang ka ga me ele boammaruri.
33 Lo romile batho kwa go Johane, mme o
supile boammaruri.
34 Mme nna ga ke amogele tshupo mo
mothong: mme dilo tse ke a di bua, gore lo
pholoswe.
35 Ene ele lobone lo lo tukang lo lo
phatsimang: mme lona lo ne la rata go
itumelela lesedi la gagwe ka nakonyana
fela.
36 Mme ke na le tshupo bogolo go ya
Johane: gonne ditiro tse Rara o di nneileng
go di wetsa, ditiro tse ke di dirang, di supa
ka ga me, fa ke romilwe ke Rara.
37 Mme Rara ka nosi,yo o nthomileng, le
ene o supile ka ga me. Ga lo ise lo utlwe
lentswe la gagwe ka motlha ope, le go
bona ponalo ya gagwe.
38 Le lefoko la gagwe ga le yo mo go lona:
gonne yo a mo romileng, ga lo mo dumele.
39 Batlisisang dikwalo; gonne mo go tsone
lo itlhoma gore lo na le botshelo jo bo sa
khutleng: mme ke tsone tse di supang ka
ga me.
40 Mme lo gana go tla go nna, gore lo nne
le botshelo.
41 Ga ke amogele tlotlo mo bathong.
42 Mme ke a lo itse, gore lo tlhoka lorato
la Modimo mo go lona.
43 Ke tlile mo leineng la ga Rara, mme ga
lo ntshole: e tla re fa mongwe a tla mo
leineng la gagwe, ena lo tla mo tshola.

44 Lo ka dumela jang, lona ba lo
tlotlanang, mme tlotlo e e tswang mo
Modimong o le osi yone lo sa e batle?
45 Lo seke la gopola gore ke tla lo
latofatsa go Rara: o teng yo o le
latofatsang, ebong Moshe yo le
solofetseng mo go ene.
46 Gonne fa lo ka bo lo dumetse Moshe, le
ka bo lo dumetse nna: gonne o ile a kwala
ka ga me.
47 Mme fa lo sa dumele dikwalo tsa
gagwe, mafoko a me lo tla a dumela jang?

KGAOLO 6

Morago ga dilo tee Jesu o ne a kgabaganya
letsha la Galalea, le e leng la Tiberia.
2 Mme bontsi jwa mo latela, gonne ba
bone ditshupo tea gagwe tee o di dirileng
mo balwetsing.
3 Jaanong Jesu a tlhatlogela kwa thabeng,
a nna teng le barutwa ba gagwe.
4 Mme Tlolaganyo, moletlo wa Bajuta, wa
bo ole gaufi.
5 Ya re Jesu a tsholetsa matlho a gagwe, a
bona bontsi jo bo golo bo tla go ene, a raya
Filipo a re, Re tla reka dinkgwe kae, gore
ba je?
6 Mme a bua jalo go mo leka: gonne a itse
ka esi se o tla se dirang.
7 Filipo a mo araba a re, Dinkgwe tsa
dipeni di le makgolo a mabedi ga di ka ke
tsa ba lekanya, gore mongwe le mongwe a
amogele go le gonnye.
8 Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong
Andrea, morwa-rragwe Simone Petoro, a
mo raya a re,
9 Go na le mosimane fa, yo o nang le
dinkgwe tse tlhano tea barele, le

ditlhatewana tse pedi: mme tse e ka nna
eng mo bontsing jo bo kana?
10 Ke fa Jesu a re, Dudisang batho fa
fatshe. Mme go ne go le bojang bo le
bontsi mo lefelong leo. Jaanong banna ba
nna fa fatshe, palo ya bone e ne e ka nna
dikete tse tlhano.
11 Jesu a ba a tsaya dinkgwe; ya re a sena
go leboga, a di abela barutwa, mme
barutwa ba di abela ba ba ntseng fa fatshe;
le tsona ditlhatewana fela jalo ka fa ba
ratang ka teng.
12 Ya re ba sena go kgora, a raya barutwa
ba gagwe a re, Selang masadisa, gore go se
latlhege
sepe.
13 Ba a sela, ba tlatsa ditlatlana tee some-
pedi ka masadisa a dikgwe tse tlhano tsa
barele, a a setseng fa ba sena go ja.
14 Mme batho bao, ya re fa ba sena go
bona sesupo se Jesu o se dirileng, ba re,
Ammaruri yo ke ene moporofeti yo go
tilweng o tla tla mo lefatsheng.
15 Ya re Jesu a lemoga gore ba tla tla go
mo tsaya ka thata, go mo dira kgosi, a
ngwega a boela gape kwa thabeng a le esi.
16 Mme ya re fa go nna maintsiboa,
barutwa ba gagwe ba fologela kwa
letsheng,
17 Mme ba palama mokoro, ba tshela
letsha go ya kwa Kaperenaume. Mme ga
nna lefifi, Jesu a ise a be a tie go bona.
18 Jaanong leteha la huduiwa ke go foka
ga phefo e kgolo.
19 Ke gona erileng ba sena go tsamaisa
mokoro sebaka sa dimaele di le tharo
gongwe di le nne, ba bona Jesu a tsamaya
mo godimo ga lewatle, a atamela mokoro:
mme ba boifa.

20 Mme a ba raya a re, Ke nna; se boifeng.
21 Ke fa ba mo letla go palama mokoro ka
boitumelo: mme mokoro wa akofa wa
fitlha kwa lefatsheng le ba yang go lona.
22 Letsatsi le latelang, fa batho ba ba
emeng kwa moseja ga letsha ba lemoga
gore go ne go sena mokoro ope o sele, fa
ese o le mongwe fela o barutwa ba Jesu ba
neng ba o palame, le gore Jesu ga a ka a o
palama le barutwa ba gagwe mo
mokorong, mme barutwa ba gagwe ba
tsamaile ba le nosi fela;
23 (Le fa go ntse jalo mekoro mengwe e e
tswag Tiberiaya atamela felo fa ba jetseng
dinkgwe teng, Morena a sena go leboga:)
24 Ya re jaanong fa batho ba bona Jesu a
se teng foo, le eseng barutwa ba gagwe, le
bone ba palama mekoro, ba ya kwa
Kaperenaume, go batla Jesu.
25 Ya re ba mo fitlhela kwa moseja ga
letsha ba mmotsa ba re, Rabi, o tlile leng
kwano?
26 Jesu a ba araba a re,
Ammaruri,ammaruri, ke lo raya ke re, Lo a
mpatla, eseng ka ditshupo tse lo di
bonyeng, mme ka gonne lo jele dinkgwe,
la kgora.
27 Lo se direle dijo tse di nyelelang, mme
direlang dijo tse di nnang go ya go fitlha
bophelong jo bo sa khutleng, se Morwa
motho o tla lo se nayang: gonne ene o
ikantswe ke Modimo Rara.
28 Mme ba mo fetola ba re, Re tla dira
eng, gore re dire tiro tsa Modimo?
29 Jesu a ba araba a re, Tiro ya Modimo
ke e, gore lo dumele ene yo o nthomileng.
30 Ba mo raya ba re, O dira tshupo efe,
gore re bone, le go go dumela? O dirang?

31 Borraetsho ba jele mmana kwa
sekakeng; jaaka go kwadilwe ga twe, O ba
file senkgwe se se tswang kwa legodimong
go se ja.
32 Jesu a ba raya a re, Ammaruri,
ammaruri, ke lo raya ke re, Moshe ga nke a
lo neya senkgwe se se tswang kwa
legodimong; ke Rre yo o le neileng
senkgwe sa nnete se se tswang kwa
legodimong.
33 Gonne senkgwe sa Modimo ke sona se
se fologang kwa legodimong, se se neelang
lefatshe bophelo.
34 Ba mo raya ba re, Morena, re neele
senkgwe seo ka metlha yotlhe.
35 Mme Jesu a ba fetola a re, Ke nna
senkgwe sa botshelo: yo o tlang go nna ga
a ke a tlhola a utlwa tlala; Yo o dumelang
mo go nna ga a ke a tlhola a nyorwa.
36 Mme ke lo boleletse ka re, Lona lo
mponye, mme ga lo dumele.
37 Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla
go nna; mme ene yo o tlang go nna ga
nkitla ke mo kgarameletsa ntle ka gope.
38 Gonne ke fologile kwa legodimong,
eseng go dira thato ya me, fela go dira
thato ya yo o nthomileng.
39 Mme thato ya Rara yo o nthomileng ke
e, gore botlhe ba o ba nneileng ke seke ka
latlhegelwa ke ope wa bone, mme bogolo
ke ba tsose motsing wa bofelo.
40 Mme e ke thato ya gagwe yo o
nthomileng, gore Mongwe le mongwe yo
o bonang Morwa, a dumela mo go ene, a
nne le bophelo jo bo sa khutleng: mme nna
ke tla mo tsosa motsing wa bofelo.
41 Jaanong Bajuta ba mo ngongoregela, ka
a rile, Ke nna senkgwe se se fologileng
kwa legodimong.

42 Mme ba re, Yo a ga se Jesu, morwa
Josefa, yo rragwe le mmagwe re ba itseng?
O bua jang jaanong fa a re, Ke fologile
kwa legodimong?
43 Jesu a ba araba a re, Se ngongoregeng.
44 Ga go ope yo o ka tlang go nna, fa Rara
yo o nthomileng a sa mo goge: mme nna
ke tla mo tsosa motsing wa bofelo.
45 Go kwadilwe mo baporofeting ga twe,
Ba tla rutwa botlhe ke Modimo. Mongwe
le mongwe yo o utlwileng, a ba a ithuta go
tswa go Rara, o tla go nna.
46 Ga se gore motho mongwe o kile a
bona Rara, fa ese yo o tswang kwa
Modimong, ene o bone Rara.
47 Ammaruri, ammaruri, ke lo raya ke re,
Yo o dumelang mo go nna o na le bophelo
jo bo sa khutleng.
48 Ke nna senkgwe sa bophelo.
49 Borraeno ba ile ba ja mmana kwa
sekakeng, mme ba sule.
50 Senkgwe se ke sona se se fologileng
kwa legodimong, gore motho a se je, mme
a se ke a swa.
51 Ke nna senkgwe se se phelang se se
fologileng kwa legodimong: Le fa ele
mang kgotsa mang yo o jang senkgwe se, o
tla tshela ka bosakhutleng: mme senkgwe
se ke tla se abang ke nama ya me, e ke tla e
neelang botshelo jwa lefatshe.
52 Ya ba gona Bajuta ba ganetsanyang, ba
re, Monna yo o tla re naya jang nama ya
gagwe go e ja?
53 Mme Jesu a ba raya a re, Ammaruri,
ammaruri, ke lo raya ke re, Fa lo sa je
nama ya Morwa motho, le go nwa madi a
gagwe, ga lona bophelo mo go lona.

54 Yo o jang nama ya me , le go nwa madi
a me, o na le bophelo jo bo sa khutleng;
mme ke tla mo tsosa letsatsi la bofelo.
55 Gonne nama ya me ke sejo sa
boammaruri, mme madi a me ke seno sa
boammaruri.
56 Yo o jang nama ya me, le go nwa madi
a me, o ntse mo go nna, le nna ke ntse mo
go ene.
57 Jaaka Rara yo o phelang o nthomile,
mme le nna ke phela ka ntlha ya gagwe:
Yo o njang le ene o tla phela ka nna.
58 Se ke sone senkgwe se se fologileng
kwa legodimong: esengjaakaborraeno ba
ile ba ja mmana, mme ba swa: Yo o jang
senkgwe se o tla phela ka bosakhutleng.
59 Dilo tse o di buile, fa a ruta mo
senagogeng kwa Kaperenaume.
60 E rile jaanong ba bantsi ba barutwa ba
gagwe, ba utlwa jalo, ba re, Lefoko le le
thata; ke mang yo o ka le utlwelelang?
61 Ya re Jesu a itse gore barutwa ba gagwe
ba ngongoregela seo, a ba raya a re, A seo
se a le kgopisa?
62 Jaanong lo tla reng fa lo bona Morwa
motho a tlhatlogela kwa a neng a le teng
pele?
63 Mowa ke one o o tshedisang; nama ga
ena molemo ope: mafoko a ke a buileng le
lona, ke mowa, mme ke bophelo.
64 Mme go na le bangwe mo go lona ba ba
sa dumeleng. Gonne Jesu o ne a itse go
tloga tshimologong gore ba ba sa
dumeleng ke bo mang, le gore yo o tla mo
tshwarisang ke mang.
65 Mme a re, ke ka moo ke ileng ka re, Ga
go ope yo o ka tlang go nna, fa ese yo ke
mo newang ke Rara.

66 Go tloga foo bontsi ba barutwa ba
gagwe ba boela morago, mme ba se tlhole
ba tsamaya nae.
67 Jaanong Jesu a raya ba ba lesome-pedi
a re, A le lona lo eletsa go tsamaya?
68 Mme Simone Petoro a mo araba a re,
Morena, re tla ya go mang? Wena o na le
mafoko a bophelo jo bo sa khutleng.
69 Mme re a dumela, ebile re a itse fa ele
wena Keresete, Morwa Modimo o o
tshelang.
70 Jesu a ba araba a re, A ga ke a lo
itlhaolela lo le some-pedi, Mme mongwe
wa lona ke Diabolo?
71 O ne a raya Jutase Isekariote morwa
Simone: gonne e ne ele ene yo o tla mo
okang, e le mongwe wa ba ba some-pedi.

KGAOLO 7

Morago ga dilo tse Jesu a nna a tsamaya
mo Galalea: gonne a sa rate go tsamaya mo
Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya.
2 Jaanong moletlo wa Bajuta wa
metlaagana o ne o le gaufi.
3 Ke fa bakaulengwe ba gagwe ba mo raya
ba re, Tloga mono, o ye kwa Jutea, gore le
barutwa ba gago ba bone ditiro tsa gago tse
o di dirang.
4 Gonne ga go ope yo o dirang sengwe mo
sephiring, fa ene ka esi a batla go nna mo
ponatshegong. Fa o dira dilo tse, iponatse
mo lefatsheng.
5 Gonne bakaulengwe ba gagwe le bona ba
ne ba sa dumele mo go ene.
6 Jesu a ba raya a re, Nako ya me ga ise e
tle: mme nako ya lona e etleeditswe.

7 Lefatshe ga lo ka ke la lo tlhoa; mme nna
lo ntlhoile, gonne ke supa ka ga lone, gore
ditiro tsa lone di bosula.
8 A go ye lona kwa moletlong: Nna ga ke
ye kwa go one jaanong; gonne nako ya me
ga esi e tie ka botlalo.
9 Erile a sena go bua dilo tseo nabo, a
tlhola mo Galalea.
10 Ya re bakaulengwe ba sena go tsamaya,
le ene a ya kwa moletlong, eseng mo
ponatshegong, mme mo sephiring.
11 Ke fa Bajuta ba mmatla mo moletlong,
ba re, Yole o kae?
12 Mme ga bo go le ngongorego e kgolo
mo bathong ka ga gagwe: gonne bangwe
ba ne ba re, Ke monna yo molemo: mme
ba bangwe ba re, Nnyaya: o tsietsa batho.
13 Le fa go ntse jalo ga bo go se ope yo o
buang ka ga gagwe ka phutologo ka ntlha
ya go boifa Bajuta.
14 Erile e setse e le fa gare ga moletlo Jesu
a ya kwa tempeleng, a ruta teng.
15 Ke fa Bajuta ba gakgamala ba re, Yo o
itse dikwalo jang, etswe a sa di rutwa?
16 Jesu a ba araba, a re, Thuto ya me ga
se ya me, mme ke ya yo o nthomileng.
17 Le fa ele mang kgotsa mang yo o dirang
thato ya gagwe, o tla itse ka thuto e, gore
ke ya Modimo, Kgotsa ke bua se se tswang
mo go nna.
18 Yo o buang se se tswang mo go ene fela
o ipatlela tlotlo: mme yo o batlang tlotlo ya
yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga
gona tshiamololo epe mo go ene.
19 A Mose ga a lo naya molao, mme le fa
go le jalo ga go ope wa lona yo o
tshegetsang molao? Lo batlelang go
mpolaya?

20 Mme bontsi jwa araba jwa re, O na le
diabolo: ke mang yo o batlang go
mmolaya?
21 Jesu a ba araba a re, Ke dirile tiro e
lengwe fela, mme lo gakgametse lotlhe.
22 Moshe o lo neile bogwera; (eseng gore
bo tswa mo go Moshe, fela bo tswa mo go
bo rraeno;) mme lo isa motho bogwera ka
letsatsi la sabata.
23 Fa motho a rupisiwa ka sabata, gore
molao wa Moshe o se tlolwe; ke eng fa lo
nkgalefetse, Fa ke fodisitse motho yotlhe
ka Sabata?
24 Se atlholeng ka fa lo bonang, atlholang
ka katlholo e e siameng.
25 Jaanong bangwe ba Jerusalema ba re,
Yo a ga se ene, yo ba batlang go
mmolaya?
26 Mme, bonang, o bua ka phutologo,
mme ga ba mo ree sepe. A ruri jaana
balaodi ga ba lemoge fa ele ene Keresete?
27 Le fa go ntse jalo re a itse kwa monna
yo o tswang teng: mme motlhang Keresete
a tlang, ga go ope yo o tla itseng kwa a
tswang teng.
28 Foo Jesu a tsholetsa lentswe mo
tenpeleng a ruta, a re, A lo a nkitse, a lo
itse kwa ke tswang teng: Kana ga ke a
itlisa, mme yo o nthomileng ke wa nnete,
yo le sa mo itseng.
29 Nna ke a mo itse: gonne Ke tswa go
ene, ebile o nthomile.
30 Jaanong ba batla go mo tshwara: mme
ga se ke ga nna ope yo o mo ntshetsang
letsogo, ka nako ya gagwe e ise e tle.
31 Mme ba bantsi ba morafe ba dumela
mo go ene, ba re, A e tlare fa Keresete a
tla, a o tla dira ditshupo tse dintsi bogolo
go tse monna yo o di dirileng?

32 Mme ka Bafarasai ba utlwa fa bontsi bo
ngongoregaka ga gagwe jalo; Bafarasai le
Baperesiti ba bagolo ba roma batlhanka go
mo tshwara.
33 Jaanong Jesu a re, Ke sa na le lona ka
bokhutswanyane fela, mme ke ya go ene
yo o nthomileng.
34 Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo
mpona: Mme kwa ke yang teng, lona ga lo
kake lwa tla teng.
35 Foo Bajuta ba raana ba re, Yo o tla ya
kae, fa a re ga re kitla re mmona? A o tla
ya kwa ba ba falaletseng kwa
Baditshabeng, a ya go ruta Baditshaba?
36 Lefoko le o le buileng le a reng, Lo tla
mpatla, mme ga lo kitla lo mpona: le gone
kwa ke yang teng, ga lo kake lwa kgona go
fitlha?
37 Ka letsatsi la bofelo, ele letsatsi le
legolo la moletlo, Jesu a bo a ema a
tsholetsa lentswe, a re, Fa mongwe a
nyorilwe, a tie go nna, a nwe.
38 Yo o dumelang mo go nna, jaaka
dikwalo di buile, melapo ya metsi a a
phelang a tla elela go tswa mo mpeng ya
gagwe.
39 (Mme o ne a bua jalo ka ga Mowa, o
bao ba dumelang mo go ene ba tla o
amogelang: gonne Mowa o o Boitshepo o
ne o ise o neelwe; ka Jesu a ne a ise a
galalediwe.)
40 Jaanong ya re bontsi jwa batho foo, bo
utlwa mafoko, ba bua ba re, Ammmaruri
yo ke ene Moporofeti.
41 Bangwe ba re, Yo ke Keresete. Bangwe
ba re, A Keresete a ka tswa kwa Galalea?
42 Dikwalo a ga di a re, Gore Keresete o
tla tswa mo peung ya ga Dafita, le mo

motsaneng wa Betlelehema, moo Dafita a
neng a le teng?
43 Ga ba ga nna kgaogano mo bathong ka
ga gagwe.
44 Bangwe ba bona ba batla go mo
tshwara; mme ga bo go se ope wa bone yo
o mo ntshetsang letsogo.
45 Ke fa batlhanka ba boela kwa
Baperesiteng ba bagolo le Bafarasai; mme
bone ba ba raya ba re, Lo ne lo sa mo
tsisetseng?
46 Batlhanka ba araba, Ga go esi go bue
motho ope jaaka monna yole.
47 Bafarasai ba fetola ba re, A le lona ole
tsieditse?
48 A mongwe wa balaodi kgotsa wa
Bafarasai o dumetse mo go ene?
49 Kana morafe yo o sa itseng molao o
rogilwe.
50 Nikotemo (yo o kileng a tla go Jesu
bosigo, e le mongwe wa bone,) a ba raya a
re,
51 A molao wa rona o atlhola motho, o esi
o utlwe pele, le go itse se a se dirang?
52 Ba mo araba ba re, A le wena o wa kwa
Galalea? Tlhomamisa, o bone: gore ga go
na moporofeti ope yo o ka tswang kwa
Galalea.
53 Jaanong ba tsamaya mongwe le
mongwe a ya kwa ntlong ya gagwe.

KGAOLO 8

Jaanong JESU a ya kwa thabeng ya
Lotlhware.
2 Mme a boela go sa le mesong kwa
tempeleng, mme batho botlhe ba tla go
ene; a dula, a ba ruta.

3 Mme baitse-dikwalo le Bafarasai ba tlisa
mosadi kwa go ene yo o tshwerweng mo
boakeng; Ya re ba sena go mo emisa mo
gare ga bone,
4 Ba mo raya ba re, Moruti, mosadi yo o
tshwerwe mo boakeng, a bo dirafatsa.
5 Mme Mose o re laoletse mo molaong,
gore ba ba ntseng jalo ba kgobotlediwe ka
majwe: Jaanong wena o a reng?
6 Ba ne ba bua jaana, go mo leka, gore ba
ne le seo ba ka mo latofatsang ka sone.
Mme Jesu a inama, a kwala mo fatshe ka
monwana, jaaka ekete ga a ba utlwe.
7 Ya re ba tsweletse go mmotsa, a
inamologa, a ba raya a re, Yo o senang
sebe mo go lona, a e nne ene wa ntlha yo o
mo konopang ka lentswe.
8 A bo a inama, a kwala mo fatshe.
9 Ya re ba utlwa jalo, mme ba latofadiwa
ke digakolodi tsa bone, ba tswa mongwe le
mongwe, go simolola ka bagolo, go ya go
wa bofelo: Jesu a tlogelwa a le esi, le
mosadi a erne fa gare.
10 Ya re Jesu a inamologa, mme a sa bone
ope fa ese mosadi fela, a mo raya a re,
Mosadi, balotofatsi ba gago ba kae? A ga
go ope yo o go atlhotseng?
11 Mme a re, Ga go ope, Morena. Jesu a
mo raya a re, Le nna ga ke go atlhole:
tsamaya, mme o se tlhole o leofa.
12 Jesu a bo a bua nabo gape, a re, Ke nna
lesedi la lefatshe: yo o ntshalang morago
ga a kake a tsamaya mo lefifing, mme o tla
nna le lesedi la bophelo.
13 Ke fa Bafarasai ba mo raya ba re, O
supa ka ga gago; tshupo ya gago ga se ya
nnete.
14 Jesu a ba araba a re, Le fa ke supa ka ga
me, tshupo ya me ke ya nnete: Gonne ke

itse kwa Ke tswang teng, le kwa Ke yang
teng; mme lona ga lo itse kwa ke tswang
teng, le kwa ke yang.
15 Lona lo atlhola ka fa nameng; Mme na
ga ke atlhole ope.
16 Le fa nka atlhola, katlholo ya me e tla
bo ele ya nnete: gonne ga ke nosi, Ke na le
Rara yo o nthomileng.
17 Le gona go kwadilwe mo molaong wa
lona, gore tshupo ya batho ba le babedi ke
ya nnete.
18 Ke nna yo o supang ka ga me, le Rara
yo o nthomileng o supa ka ga me.
19 Foo ba mo raya ba re, Rrago o kae?
Mme Jesu a ba araba, Ga lo nkitse, le fa
ele Rre: Fa lo ka bo lo nkitse, le ene Rre
lo ka bo lo mo itse.
20 Mafoko a o ne a buela fa letloleng la
dineo, ka a ruta mo tempeleng: mme go se
ope yo o mo tshwarang; ka nako ya gagwe
ene e esi e tle.
21 Jesu a boa a ba raya a re, Ke a tsamaya,
lo tla mpatla, mme lo tla swela mo dibeng
tsa lona: Kwa ke yang teng, le ka se kgone
go fitlha.
22 Bajuta ba re, A o tla ipolaya? ka a re,
Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha
teng.
23 Mme Jesu a ba raya a re, Lona lo ba
tlase; Mme nna ke wa godimo: lona lo ba
lefatshe leno; Mme nna ga ke wa lefatshe
leno.
24 Ke ka moo ke lo reileng ka re, lo tla
swela mo dibeng tsa lona: gonne fa lo sa
dumele gore ke nna ena, lo tla swela mo
dibeng tsa lona.
25 Ba mo raya ba re, Wena o mang? Jesu a
ba raya a re, Ke sa le ene yo ke lo
ipoleletseng mo tshimologong.

26 Ke na le dilo tse dintsi go di bolela le
go di atlhola ka ga lona: Mme yo o
nthomileng ke wa nnete; Mme dilo tse ke
di utlwileng mo go ene ke tsona tse ke di
buang mo lefatsheng.
27 Ba seke ba lemoga gore o bua nabo ka
ga Rara.
28 Jaanong Jesu a ba raya a re, E tla re lo
sena go tlhatlosa Morwa-motho, gone lo
tla itse gore ke nna ena, le gore ga ke dire
sepe ka bogame; mme jaaka Rara a
nthutile, Ke bua dilo tse.
29 Mme yo o nthomileng o na le nna:
Rara ga a ntlogele ke le nosi; gonne ke dira
ka gale tse di mo kgatlang.
30 Ya re a bua mafoko a, bontsi jwa
dumela mo go ene.
31 Jaanong Jesu a raya Bajuta ba ba
dumetseng mo go ene, Fa lo nna mo
lefokong la me, lo tla bo le le barutwa ba
me ruri;
32 Lo tla itse boammaaruri, mme
boammaaruri bo tla lo golola.
33 Ba mo fetola ba re, Re peu ya ga
Aborahame, ga re ise re nne batlhanka ba
ga ope: O bua jang fa o re, Lo tla
gololosega?
34 Jesu a ba araba a re, Ammaaruri,
ammaaruri, Ke lo raya ke re, Mongwe le
mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka
wa boleo.
35 Mme motlhanka ga a nne mo ntlong ka
gale: mme Morwa ene o nna ka gale.
36 Fa Jaanong Morwa a ka lo golola, lo tla
gololosega tota.
37 Ke a itse gore lo peo ya ga Aborahame:
mme lo batla go mpolaya, ka lefoko la me
lo se nna bonno mo go lona.

38 Nna ke bua tse ke di bonyeng mo go
Rre: le lona lo dira tse lo di boneng mo go
bo rraeno.
39 Ba mo araba ba re, Rraetsho ke
Aborahame. Jesu a ba araba a re, Fa lo ka
bo lo le barm ba ga Aborahame, lo kabo lo
dira ditiro tsa ga Aborahame.
40 Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna
motho yo ke lo boleletseng boammaaruri,
jo ke bo utlwileng mo Modimong:
Aborahame ga a ka a dira jalo.
41 Lona lo dira ditiro tsa ga rraeno. Ba mo
raya ba re, Ga re a tsalwa ka boaka; re na
le Rara a le mongwe fela, ebong Modimo.
42 Mme Jesu a ba raya a re, Fa Modimo e
ka bo ele Rralona, lo ka bo lo nthata:
gonne ke tswa kwa Modimong; Ga ke a tla
ka bogame, mme ke ene yo o nthomileng.
43 Ke go reng fa lo sa tlhaloganye puo ya
me? ke ka gonne lo palelwa ke go reetsa
lefoko la me.
44 Lo ba ga rraeno diabolo, lo bile lo rata
go dira dikeletso tsa ga rraeno. O ne a le
mmolai wa batho go tswa tshimologong,
ga a ka a tlhomama mo boammaaruring, ka
gonne ga gona boammaaruri bope mo go
ene. Fa a bua maaka, o bua se a leng sona:
gonne ke ene moaki, le rramaaka.
45 Mme nna ke lo bolelela boammaaruri,
ga lo ntumele.
46 Ke ofe wa lona yo o ka supang boleo
mo go nna? Mme fa ke bua boammaaruri,
ke eng lo sa ntumele?
47 Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko
a Modimo: ke ka moo lo sa utlweng,
gonne ga lo ba Modimo.
48 Bajuta ba mo araba, ba re, A ga re bue
nnete fa re re o Mosamaria, ebile o na le
diabolo?

49 Jesu a araba a re, Nna ga ke na diabolo;
ke tlotla Rre, mme lona lo a ntlotlolola.
50 Nna ga ke ipatlele tlotlo: mme mongwe
o teng yo o e batlang yo o atlholang.
51 Ammaaruri, ammaarari, Ke lo raya ke
re, Le fa ele mang kgotsa mang yo o
tshegetsang lefoko la me, ga a kitla a bona
loso.
52 Bajuta ba mo raya ba re, Jaanong re a
itse gore o na le diabolo. Aborahame o
sule, le baporofeti; mme wena o a re, Le fa
ele mang kgotsa mang yo o tshegetsang
lefoko la me, ga a kitla a bona loso.
53 A wena o mogolo go Aborahame
rraetsho, yo o suleng? le baporofeti ba
sule: o itshema mang?
54 Jesu a araba a re, Fa Ke ikgalaletsa,
kgalalelo ya me ga se ya sepe: Rre ke ene
yo o nkgalaletsang; yo le reng, ke Modimo
wa lona:
55 Fela ga le mo itse; mme Nna ke a mo
itse: fa nka bo Ke re, Ga ke mo itse, nkabo
Ke tshwana le lona ke le moaki: mme Ke a
mo itse, ebile ke dirisa lefoko la gagwe.
56 Aborahame rraeno o ne a ipela go tla
bona letsatsi la me: a le bona, a be a
itumela.
57 Ke fa Bajuta ba mo raya ba re, Ga o ise
o nne le dinyaga di le sometlhano, o bonye
Aborahame jang?
58 Jesu a ba raya a re, Ammaaruri,
ammaaruri, Ke lo raya ke re, Pele
Aborahame a ise a tsalwe, Nna ke ntse ke
le teng.
59 Foo ba sela majwe go mo konopa ka
ona: mme Jesu a iphitla, a tswa mo
tempeleng, a tsamaya fa gare ga bone, a
feta go bone.

KGAOLO 9

Mme ya re Jesu a feta, a bona monna
mongwe yo o neng a foufetse go tswa
botsalong ba gagwe.
2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa, ba
re, Rabi, go leofile mang, Monna yo,
kgotsa batsadi ba gagwe, ka a tsetswe a
foufetse?
3 Jesu a araba a re, Yoo, ga a leofa, le
eseng batsadi ba gagwe: mme ke gore
ditiro tsa Modimo di bonale mo go ene.
4 Ke tshwanetse go dira tiro tsa yo o
nthomileng, go sa ntse go le motshegare:
bosigo bo e tla, bo go senang ope yo o ka
dirang mo go jone.
5 Ka ke sa le mo lefatsheng, Ke lesedi la
lefatshe.
6 Mme ya re a sena go bua jalo, a kgwela
fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a
tshasa sefofu seretse mo matlhong,
7 Mme a mo raya a re, Tsamaya, o tlhape
mo lekadibeng la Siloame, (fa go
phutololwa ke gore, Romilwe.) Mme a
tloga a tsamaya, a ya a tlhapa, mme a boa a
bona.
8 Mme ba ga gabo, le ba ba mmonyeng ka
gale a foufetse, ba re, Yo a ga se ena yo a
neng a dula a kopa na?
9 Ba bangwe ba re, Ke ena: ba bangwe ba
re, Nyaa o tshwana nae: Mme ena a re, Ke
nna.
10 Mme ba mo raya ba re, Fa go le jalo
matlho a gago a foufolotswe jang?
11 A ba araba a re, Monna yo o bidiwang
Jesu o ne a duba seretse, a se ntshasa mo
matlhong, a nthaya a re, Ya kwa Siloame,
o tlhape: mme ka tsamaya ka tlhapa, Mme
ka foufologa.

12 Mme ba mo raya ba re, Ena o kae?
Mme a re, Ga ke itse.
13 Mme ba mo isa kwa go Bafarasai ene
yo erileng e sale gale a bo a foufetse.
14 Mme ene ele sabata mo tsatsing leo
Jesu a dubileng seretse, a mo foufolola
matlho ka lona.
15 Mme Bafarasai ba mmotsa ka fa a
foufologileng ka teng. Mme a ba raya a re,
O mpeile seretse mo matlhong, mme ka
tlhapa, mme ka bona.
16 Ka moo Bafarasai ba bangwe ba re,
Monna yo ga a tswe Modimong, gonne ga
a tlotle letsatsi la sabata. Mme bangwe ba
re, Motho yo e leng moleofi a ka dira
ditshupo tse di ntseng jalo jang? Mme ga
nna kgaogano mo go bone.
17 Foo ba raya monna wa sefofu gape ba
re, Wena o a reng ka ga gagwe, ka ele fa a
foufolotse matlho a gago? Mme a re, Nna
ka re ke moporofeti.
18 Mme Bajuta ba se ka ba dumela ka ga
gagwe, gore a jaana o kile a bo a foufetse,
a ba a foufologa, go fitlhelela ba bitsa
batsadi ba yo o neng a foufolotswe.
19 Mme ba ba botsa, ba re, A yo ke ene
morwaalona, yo le reng o tsetswe a
foufetse? Mme o bona jang gompieno?
20 Batsadi ba gagwe ba ba fetola ba re, Re
a itse fa yo e le ngwana wa rona, a bile a
ne a tsetswe a foufetse:
21 Mme ka tsela eo a bonang ka yona
gompieno, ga re itse; le yo o mo
foufolotseng matlho, ga re mo itse: botsang
ene: o godile; o tia ikarabela.
22 Mafoko a a ne a bua ke batsadi ba
gagwe, ka go boifa Bajuta: gonne Bajuta
ba ne ba dumelanye gore, fa mongwe a ka

mo ipolela fa ele Keresete, ba tla mo
kgaola mo senagogeng.
23 Ke ka moo batsadi ba gagwe ba rileng,
O godile; botsang ena.
24 Jalo ba bitsa monna yo o neng a
foufetse gape, ba mo raya ba re, Naya
Modimo kgalalelo: re a itse fa monna yoo
ele moleofi.
25 A ba araba a re, Ke moleofi kgotsa
nyaa, ga ke itse: sengwe ke a se itse, ka re,
ke ne ke foufetse, mme jaanong ke a bona.
26 Mme ba mo raya ba re, O go dirileng? o
go foufolotse matlho jang?
27 A ba fetola a re, Ke lo boleletse, mme
ga lo a ke Iwa utlwa: goreng lo batla go
utlwa seo gape? A le lona lo batla go nna
barutwa ba gagwe?
28 Mme ba mo kgoba, ba re, Wena o
morutwa wa gagwe; Rona re barutwa ba ga
Moshe.
29 Re a itse fa Modimo a buile le Mose:
mme ka ga monna yoo, ga re itse kwa a
tswang teng.
30 Monna a araba a re, Go gakgamatsa
jang, ka lo sa itse kwa a tswang gona, mme
le fa go ntsejalo, nna o foufolotse matlho a
me.
31 Re a itse fa Modimo o sa utlwe baleofi:
mme fa motho ele moobamedi wa
Modimo, a ba a dira thato ya Modimo, yoo
o a mo ultwa.
32 E sale ka tlholego ya lefatshe ga go se
ke go utlwiwe fa mongwe a kile a foufolola
matlho a motho yo o tsetsweng a foufetse.
33 Fa motho yo a sa tswe kwa Modimong,
o ne a sa kake a dira sepe.
34 Ba mo raya ba re, o tsaletswe fela mo
dibeng, mme a o a re ruta? mme ba mo
kgoromeletsa ntle.

35 Jesu a utlwa fa ba mo kgoromeleditse
ntle; mme ya re a sena go mmona, a mo
raya a re, A o dumela mo go Morwa
Modimo?
36 A araba a re, Ke mang, Morena, gore
ke dumele mo go ene?
37 Jesu a mo raya a re, O mmonye, ke ene
yo o buang nao.
38 Mme a re, Morena, Ke a dumela. Mme
a mo obamela.
39 Mme Jesu a re, Ke tletse katlholo mo
lefatsheng leno, gore ba ba sa boneng ba
bone; mme ba ba bonang ba foufale.
40 Mme bangwe ba ba Bafarasai ba ba
neng ba na nae ba utlwa mafoko a, mme ba
mmotsa ba re, A le rona re foufetse?
41 Jesu a ba raya a re, Fa lo ka bo lo no lo
foufetse, lo ka bo lo sena boleo: mme fa lo
re, Re a bona; boleo j wa lona bo sa le
gona.

KGAOLO 10

Ammaruri, ammaruri, Ke lo raya ke re, Yo
o sa tseneng ka kgoro ya lesaka la dinku,
mme a palama ka go sele, yoo ke ene
legodu le senokwane.
2 Mme yo o tsenang ka kgoro ke modisa
wa dinku.
3 Modisa wa kgoro o a mmulela; mme
dinku di utlwa lentswe la gagwe: o bitsa
dinku tse e leng tsa gagwe ka maina, mme
a di bolotse.
4 Fa a sena go bolotsa dinku tsa gagwe, o
di etelela pele, mme dinku di mo sala
morago: gonne di itse lentswe la gagwe.
5 Moeng ga di ka ke tsa mo sala morago,
mme di tla mo tshaba: ka di sa itse
mantswe a baeng.

6 Jesu o ne a ba bolela setshwantsho se:
mme ba se ke ba tlhaloganya gore ke eng
se o se buang nabo.
7 Mme Jesu a ba raya a re, Ammaruri,
ammaruri, Ke lo raya ke re, Ke nna kgoro
ya dinku.
8 Botlhe ba ba tlileng pele ga me ke
magodu le dinokwane: mme dinku ga di a
ke tsa ba utlwa.
9 Ke nna kgoro: Fa mongwe a tsena ka
nna, o tla pholosiwa, o tla tsena a tswa,
ebile o tla bona mafulo.
10 Legodu le tla fela, go utswa, le go
bolaya, le go senya: Nna ke tsile gore di
baane le bophelo, le gore di nne le bophelo
bogolo.
11 Ke nna modisa wa dinku yo o molemo:
Modisa yo o molemo wa dinku o neela
dinku bophelo jwa gagwe.
12 Yo e leng morapiwa, mme e se modisa,
yo dinku eseng tsa gagwe, fa a bona phiri e
tla, o tlogela dinku, a tshabe: mme phiri e
di tshware, e di falatse.
13 Yo o thapilweng o a tshaba, ka ele
mothapiwa, mme a sa kgatalele dinku.
14 Ke nna modisa yo o molemo, ke itse tsa
me, ebile ke itsiwe ke tsa me.
15 Jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara:
mme botshelo jwa me ke bo beela dinku.
16 Ke na le dinku di sele, tse eseng tsa
lesaka le: le tsona ke tshwanetse go di
tsisa, di tla utlwa lentswe la me; mme e tla
nna letsomane le le lengwe fela, le modisa
a le mongwe fela.
17 Ke ka moo Rara a nthatang, Gonne ke
neela botshelo jwa me, Gore ke tie ke bo
tsee gape.
18 Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke
nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le

thata go bo neela, ebile ke na le thata go bo
tsaya gape. Taolo e ke e amogetse kwa go
Rre.
19 Phaapano ya nna teng mo gare ga
Bajuta ka ntlha ya mafoko ao.
20 Ba bantsi ba bone ba re, O na le
diabolo, o tlhakane tlhogo; lo mo
utlwelelang?
21 Mme bangwe ba re, Mafoko a ga se a
motho yo o nang le diabolo. A diabolo a
ka kgona go foufolola matlho a difofu?
22 Jaanong ga bo go le moletlo wa
ntshwafatso ya tempele mo Jerusalema, go
le mariga.
23 Jesu a tsamaya mo tempeleng mo
leobong la ga Solomone.
24 Foo Bajuta ba mo dikanyetsa, ba mo
raya ba re, O tla belaetsa mewa ya rona go
le go kae? Fa ole Keresete, re bolele ka
thelelo.
25 Jesu a ba raya a re, Ke lo boleletse,
mme ga lo dumele: Ditiro tse ke di dirang
mo leineng la ga Rre, ke tsona tse di
supang ka ga me.
26 Mme lona ga lo dumele, ka gonne ga lo
dinku tsa me, jaaka ke lo boleletse.
27 Dinku tsa me di utlwa lentswe la me,
Ke a di itse, mme di ntshala morago:
28 Ke di naya bophelo jo bo sa khutleng;
Ga di ka ke tsa latlhega, le gone ga go ope
yo o ka di phamolang mo seatleng sa me.
29 Rara, yo o di nneileng, o mogolo go
botlhe; mme ga go ope yo o ka di
phamolang mo seatleng sa ga Rara.
30 Nna le Rara re bongwefela.
31 Jaanong Bajuta ba sela majwe gape
gore ba mo kgobotletse.
32 Jesu a ba fetola a re, Ke lo bontshitse
ditiro tse di molemo di le dintsi tse di

tswang kwa go Rara; lo nkgobotleletsa tiro
efe ya tsona?
33 Bajuta ba mo araba, ba re, Ga re go
kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka
ntlha ya kgalo; mme wena, ka ere o le
motho, o itshema Modimo.
34 Jesu a ba araba a re, A ga go a kwahva
mo molaong wa lona ga twe, Ke rile, lo
medimo?
35 Fa molao o biditse bone medimo, ba
lefoko la Modimo le tlileng kwa go bone,
mme lokwalo lo sa ke lwa dirololwa;
36 A lo bolela ka ga gagwe, yo Rara o mo
itshepisitseng, a mo romela mo lefatsheng
lo re, O a kgala Modimo; Ka ke buile ka
re, Ke Morwa Modimo?
37 Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo seke
lwa ntumela.
38 Mme fa ke dira, le fa lo sa ntumele,
dumelang ditiro: gore le lemoge, le go
dumela, gore Rara o mo go nna, le nna ke
mo go Rara.
39 Ba fela ba batla go mo tshwara: mme a
falola mo diatleng tsa bone,
40 A ba a boela kwa moseja ga Joretane
kwa Johane a neng a kolobetsa teng pele; a
nna teng.
41 Mme ba bantsi ba tla go ene, ba re,
Johane ga a ka a dira sesupo sepe: mme
tsotlhe tse Johane o di buileng ka ga yo e
ne ele tsa nnete.
42 Mme bontsi jwa dumela mo go ene.

KGAOLO 11

Jaanong ga bo go le monna mongwe yo o
lwalang, a bidiwa Lasaro, wa Bethania,
motsana wa ga gabo Maria le Maretha
kgaitsadie.

2 (Maria yo ke ene yo o neng a tlotsa
Morena setlolo, a mo phimola dinao ka
meriri, yoo kgaitsadie Lasaro a neng a
lwala.)
3 Jaanong bo kgaitsadie ba roma go ene,
ba re, Morena, bona, yo o mo ratang o a
lwala.
4 E rile Jesu a utlwa jalo, a ba raya a re,
Bolwetse joo ga se jwa loso, ke jwa
kgalaletso ya Modimo, gore Morwa
Modimo a galalediwe ka jona.
5 Jesu a bo a rata Maretha, le monnaawe,
le Lasaro.
6 Jaanong ya re a sena go utlwa gore o a
lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a mabedi
kwa a neng a le teng.
7 Moraga ga moo a raya barutwa ba gagwe
a re, A re yeng kwa Jutea.
8 Barutwa ba mo raya ba re, Rabbi,
maloba Bajuta ba ne ba batla go go
kgobotletsa; mme a o boa o ya teng gape?
9 Jesu a araba a re, A diura ga di some-
pedi mo letsatsing? Fa mongwe le fa ele
mang kgotsa mang a tsamaya motshegare
ga a kake a kgotswa, gonne o bona lesedi
la lefatshe leno.
10 Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a
kgotswa, ka lesedi le se teng mo go ene.
11 A bua jalo: mme morago ga moo a ba
raya a re, Lasaro tsala ya rona o robetse;
mme ke ya teng, go mo tsosa mo
borokong.
12 Foo barutwa ba mo raya ba re, Morena,
fa a robetse, o tla fola.
13 Mme Jesu o ne a bua ka ga loso la
gagwe: bone ba gopola gore o bua ka
thobalo ya boroko.
14 Jaanong Jesu a ba raya a re, ka botlalo,
Lasaro o sule.

15 Mme ke itumela ka ntlha ya lona fa ke
ne ke se teng, gore lo tie lo dumele; Fela a
re yeng kwa go ene.
16 Tomase, yo o bidiwang Didimo, a raya
barutwa ka ene a re, Le rona a re tsamaeng,
re ye go swa nae.
17 E rile fa Jesu a goroga, a fitlhela a na le
malatsi a le mane mo phupung.
18 Bethania o ne a le gaufi le Jerusalema, e
ka nna dimaele di le pedi:
19 Bajuta ba bantsi ba ne ba tlile go
Maretha le Maria, go ba gomotsa ka ntlha
ya loso la ga kgaitsadia-bone.
20 Ya re Maretha, a utlwa gore Jesu o e
tla, a ya go mo kgatlantsha: Maria ene a
sala a ntse mo ntlong.
21 Ke fa Maretha a raya Jesu a re, Morena,
fa o ka bo o le teng, kgaitsadie a ka bo a sa
swa.
22 Mme ke a itse, gore le jaanong, gore
tsotlhe tse o di kopang Modimo, Modimo
o tla di go naya.
23 Jesu a mo raya a re, kgaitsadio o tla
tsoga.
24 Maretha a mo raya a re, Ke a itse fa a
tla tsoga gape mo tsogong ya motsi wa
bofelo.
25 Jesu a mo raya a re, Ke nna tsogo, le
bophelo: yo o dumelang mo go nna, le fa a
sule, o tla tshela:
26 Mongwe le mongwe yo o phelang a
dumela mo go nna ga a ka ke a swa ka
motlha ope. A o dumela seo?
27 A mo raya a re, Ee, Morena: Ke a
dumela gore o Keresete, Morwa Modimo,
yo o tlang mo lefatsheng.
28 Ya re a sena go bua jalo, a tsamaya, a a
bitsa monnawe Maria ka sephiri, a re,
Moruti o tlile, o a go bitsa.

29 Yoo erile a utlwa, a nanoga ka pele, a
ya go ene.
30 Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng,
mme a le fa Maretha a mo kgatlhantsiseng
teng.
31 Bajuta ba ba neng ba na nae mo ntlong,
ba mo gomotsa, ya re ba bona Maria, a
nanoga ka pele a tswela kwa ntle, ba mo
sala morago, ka ba gopola gore, o ya kwa
phupung gore a lelele teng.
32 Ya re fa Maria a fitlha kwa Jesu a neng
a le teng, mme a mmona, a wela fa dinaong
tsa gagwe, a re, Morena, fa o ka bo o ne
ole teng, kgaitsadiake a ka bo a sa swa.
33 Jaanong ya re fa Jesu a mmona a lela, le
Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a hutsafala
mo moweng, a huduega.
34 Mme a re, Le mo laditse kae? Ba mo
raya ba re, Morena, tlaa o bone.
35 Jesu a lela.
36 Ke fa Bajuta ba re, Bonang o ne a mo
rata jang ne!
37 Mme bangwe ba bona ba re, A yo, o
foufulotseng matlho a sefofu, o paletswe
ke go dira gore ene yo a seke a swa?
38 Jaanong Jesu a ba a tlhabega a tla fa
phupung. Mme ya bo ele legaga, le
thibilwe ka letlapa.
39 Jesu a re, Tlosang letlapa. Mme
Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya
a re, Morena, o setse a na le monkgo:
gonne e setse e le malatsi a mane a ntse a
sule
.
40 Jesu a mo raya a re, A ga ke a go
bolelela, gore, fa o dumela, o tla bona
kgalalelo ya Modimo?
41 Jaanong ba tlosa letlapa fa moswi a
letseng teng. Mme Jesu a lelala godimo, a

re, Rara, Ke a go leboga gonne o
nkutlwile.
42 Mme ke a itse gore o nkutlwa ka gale:
Ke buile jalo ka ntlha ya batho ba ba
ntikanyeditseng, gore ba dumele fa o
nthomile.
43 Ya re a sena go bua jalo, a goa ka
lentswe le legolo a re, Lasaro, Tswaa.
44 Ke fa yo o neng a sule a tswa, a
fapakilwe diatla le dinao ka masela a
phupu: le sefatlhego sa gagwe se fapilwe
ka masela. Jesu a ba raya a re,
Mmofololeng, lo mo letle go tsamaya.
45 Jaanong Bajuta ba bantsi ba ba neng ba
tlile go Maria, yare ba bona se Jesu o se
dirileng, ba dumela mo go ene.
46 Mme bangwe ba bona ba ya kwa
Bafarasaing, ba ba bolelela tse Jesu a di
dirileng.
47 Jaanong Baperesite ba bagolo le
Bafarasai ba tsenya lekgotla le legolo, ba
re, Re ka dirang? gonne monna yo o dira
ditshupo tse dintsi.
48 Fa re ka mo leseletsa jalo, botlhe ba tla
dumela mo go ene: mme Baroma ba tla tla
ba re amoga lefatshe le morafe.
49 Mongwe wa bone, e bong Kaifase, yo e
neng e le Moperesiti yo mogolo ka ngwaga
oo, a ba raya a re, Ga lo itse sepe,
50 Le gona ga lo akanye fa go le molemo
mo go rona, gore motho a le mongwe fela
a swele morafe, mme go seke ga latlhega
morafe otlhe.
51 Fela a seke a bua jalo ka bogagagwe:
mme ka ene ele Moperesita yo mogolo ka
ngwaga oo, a bolelela pele gore Jesu o tla
swela morafe;

52 Mme eseng morafe oo fela, mme le
gona e le gore a phute bana ba Modimo ba
ba faladitsweng.
53 Go tloga ka letsatsi leo ba bo ba
dumelane gore ba mmolaye.
54 Ka lebaka leo Jesu a se tlhole a tsamaya
mo ponong ya Bajuta; a tloga teng a ya
kwa nageng e e gaufi le sekaka, kwa
motseng o o bidiwang Eferaime, a nna teng
le barutwa ba gagwe.
55 Tlolaganyo ya Bajuta ya bo ele gaufi:
mme ba bantsi ba tswa kwa nageng ba ya
kwa Jerusalema pele ga tlolaganyo, gore
ba iphepafatse.
56 Jaanong ba batla Jesu, ba botsanya, ba
eme mo tempeleng ba re, Lo gopolang, A
ga a kitla a tla moletlong?
57 Mme Baperesiti ba bagolo le Bafarasai
ba bo ba neile taolo, gore, e re fa mongwe
a itse kwa a leng teng, a bolele, gore ba ye
go mo tshwara.

KGAOLO 12

Erile go sa le malatsi a marataro pele ga
tlolaganyo Jesu a ya kwa Bethania, kwa
Lasaro yoo a neng a sule a neng a le teng,
yo Jesu a mo tsositseng mo baswing.
2 Teng ba mo direla dijo tsa maintsiboa;
mme Maretha a ba tsholela: Lasaro e le
mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong.
3 Jaanong Maria a tsaya setlolo sa
lookwane la narete lo lo sa tswakwang, sa
tlhwatlhwa e kgolo, sa bokete jwa ponto, a
tlotsa dinao tsa ga Jesu, a ba a di phimola
ka moriri: mme ntlo ya tlala monkgo wa
setlolo seo.

4 Ke fa mongwe wa barutwa ba gagwe, e
bong Jutase Isekariote, morwa Simone, yo
o tla mo tshwarisang, a re,
5 Goreng setlolo se ne se sa rekisiwe ka
dipense tse makgolo a mararo, tsa tla tsa
newa bahumanegi?
6 A bua jalo, eseng ka gonne a kgatalela
bahumanegi; mme ele ka e le legodu, a
tshola sekgwama, mme a itseela tse di
tsengwang mo go sona.
7 Ke fa Jesu a re, Mo lese: o ne a se
boloketse letsatsi la phitlho ya me.
8 Kana bahumanegi bone lo na nabo ka
gale; mme nna ga lo na le nna ka gale.
9 Ya ba gona Bajuta ba bantsi thata ba
itseng gore o teng: mme ba tla eseng ka
ntlha ya ga Jesu fela, mme le gona e le
gore ba bone Lasaro, yo o mo tsositseng
mo baswing.
10 Foo baperesiti ba bagolo ba rera
mmogo gore ba bolae le ene Lasaro;
11 Gonne Bajuta ba bantsi ba ne ba ba
tlogela ka ntlha ya gagwe, ba dumela mo
go Jesu.
12 Ka moso ya re batho ba bantsi ba ba
neng ba tlile moletlong, ba utlwa gore
Jesu o tla kwano Jerusalema,
13 Ba tsaya dikala tsa mekolane ba tswela
go mo kgatlhantsha, ba tlhaba mokgosi, ba
re, Hosana: Go tshegofaditswe Kgosi ya
Iseraele yo o tlang ka leina la Morena.
14 Mme Jesu, ya re a bona eselana, a e
palama; jaaka go kwadilwe ga twe,
15 O seke wa boifa,Morwadia Sione: bona,
Kgosi ya gago e e tla, e palame eselana ya
esele.
16 Dilo tseo barutwa ba gagwe ga ba a ka
ba di tlhaloganya pele: mme ya re Jesu a
sena go galalediwa, ya a ba gona ba

gakologelwang gore dilo tseo di kwadilwe
ka ga gagwe, le dilo tse ba di mo diretseng.
17 Jaanong batho ba ba neng ba na nae fa
a bitsa Lasaro go tswa phupung, a mo tsosa
mo baswing, ba ne ba ntse ba supa ka ga
moo.
18 Le gona bontsi jwa mo kgatlanyetsa, ka
ba ne ba utlwile gore ke e ne yo o dirileng
sesupo seo.
19 Jaanong Bafarasai ba raana ba re,
Lemogang tlhe gore ga lo kgone sepe?
bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago.
20 Ga bo go le Bagerike bangwe mo go
bone ba ba neng ba tlile go obamela mo
moletlong:
21 Bao ba tla go Filipo, wa Betsaita wa
Galalea, ba mo kopa, ba re, Rre, re batla
go bona Jesu.
22 Filipo a ya a bolelela Andrea: mme
Andrea le Filipo ba ya ba bolelela Jesu.
23 Mme Jesu a ba raya, a re, Ura e tlile, e
Morwa-motho o tla galalediwang ka yona.
24 Ammaaruri, ammaaruri, ke lo raya ke
re, Fa thaka ya mabele e sa wele mo
mmung ya swa, e tla nna e le yosi: mme fa
e swa, e ungwa maungo a le mantsi.
25 Yo o ratang bophelo ba gagwe o tla
latlhegelwa ke jone; mme yo o ilang
bophelo jwa gagwe mo lefatsheng leno o
tla bo bolokela bophelo jo bo senang
bokhutlo.
26 Fa motho a ntirela, a ntshale morago;
mme kwa ke leng teng, modiredi wa me le
ene o tla nna teng: Fa motho a ntirela,
Rara o tla mo tlotla.
27 Jaanong mowa wa me o huduegile;
mme ke tla reng? A ke tla re, Rara,
mpoloke mo ureng e: Mme kana ke tlile
mo ureng e ka ntlha ya moo.

28 Rara, galaletsa leina la gago. Foo ga
utlwala lentswe le tswa legodimong, le re,
Ke le galaleditse, le gona ke tla boa ke le
galaletse.
29 Ya re batho, ba ba emeng teng, ba
utlwa, ba re Ke tumo ya maru: mme ba
bangwe ba re, Moengele o buile nae.
30 Jesu a araba re, Lentswe le ga le a tla ka
ntlha ya me, mme le tlile ka ntlha ya lona.
31 Ke nako ya katlholo ya lefatshe le na:
molaodi wa lefatshe leno o tla lelekelwa
kwa ntle.
32 Mme Nna, ga ke tla tlhatlosiwa mo
lefatsheng, ke tla gogela batho botlhe go
nna.
33 A bua jalo, go supa mokgwa wa loso lo
o tla lo swang.
34 Bontsi jwa mo araba, Jwa re Re utlwile
mo molaong gore Keresete o tla nna ka
bosakhutleng: mme o raya jang fa o re,
Morwa-motho o tshwanetse go
tlhatlosiwa? Morwa-Motho yoo ke mang?
35 Jesu a ba araba a re, Lesedi le sa na le
lona ka sebaka se se khutswane.
Tsamayang ka lo sa ntse lo na le lesedi,
gore lefifi le seke la le tshwara: gonne yo o
tsamayang mo lefifing ga a itse kwa a yang
teng.
36 Ka lo santse lo na le lesedi, dumelang
mo leseding, gore lo nne bana ba lesedi.
Jesu a bua dilo tseo, a ba a tsamaya, a ba
iphitlela.
37 Le fa a ne a dira ditshupo tse dintsi fa
pele ga bone, ga ba a ke ba dumela mo go
ene:
38 Gore go dirafale lefoko la moporofeti
Jesaya, le a le buileng a re, Morena, ke
mang yo o dumetseng polelo ya, rona?
letsogo la Morena le senoletswe mang?

39 Ka ntlha ya moo ba paletswe ke go
dumela, gonne Jesaya o buile gape a re,
40 O foufaditse matlho a bone, a thatafatsa
dipelo tsa bone; gore ba se bone ka matlho,
le go tlhaloganya ka pelo, le go sokologa,
gore ke ba fodise.
41 Jesaya o ne a bua dilo tse, ka a bone
kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga
gagwe.
42 Le fa go ntse jalo ba bantsi ba balaodi
ba dumela mo go ene; fela ka ntlha ya
Bafarasai ba ne ba sa mo ipolele, gore e
sere gongwe ba kgaolwa mo senagogeng:
43 Gonne ba rata go tlotlwa ke batho
bogolo go tlotlwa ke Modimo.
44 Jesu a bua ka lentswe le legolo a re, Yo
o dumelang mo go nna, ga a dumele mo go
nna, o dumela mo go yo o nthomileng.
45 Mme yo o mponang o bona yo o
nthomileng.
46 Nna lesedi ke tlile mo lefatsheng, gore
mang le mang yo o dumelang mo go nna a
se nne mo lefifing.
47 Fa mongwe a utlwa mafoko a me, mme
a sa a tshegetse, Nna ga ke mo atlhole:
gonne ga ke a tla go atlhola lefatshe, ke
tlile go le pholosa.
48 Yo o nnyatsang, a sa amogele mafoko a
me, o na le yo o mo atlholang: Lefoko le
ke le buileng, ke lone le le tla mo atlholang
ka letsatsi la bofelo.
49 Gonne nna ga ke a ke ka bua ka
bogame; mme Rara yo o nthomileng, ke
ene yo o nneileng taolo, ya gore ke bue
eng, ke bolele eng.
50 Mme ke a itse fa taolo ya gagwe e le
botshelo jo bo sa khutleng: jaanong tse ke
di buang, jaaka Rara o di mpoleletse, ke a
di bua.

KGAOLO 13

Pele ga moletlo wa tlolaganyo, fa Jesu a
ne a itse fa ura ya gagwe e tsile gore a tswe
mo lefatsheng leno go ya kwa go Rara, a
rata ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka
botlalo, a ba rata le kwa bofelong.
2 Ya re dijo tsa maintsiboa di sena go
fetswa, diabolo a bo a tsentse mo pelong
ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone,
gore a mo tshwarise;
3 Jesu ene o ne a itse gore Rara o mo
neetse dilo tsotlhe diatleng, le gore o dule
Modimong, le gore o ya Modimong;
4 A nanoga mo dijong tsa maintsiboa, a
apola kobo; a tsaya sephimolo, a ikgatla ka
sona.
5 Morago ga moo a tshela metsi mo
mogopong, a simolola go tlhapisa barutwa
dinao, le go di phimola ka lesela le a
ikgatlhileng ka lona.
6 Jaanong ya re a tla kwa go Simone
Petoro: ene a mo raya a re, Morena, a ke
wena yo o ka ntlhapisang dinao?
7 Jesu a mo araba a re, Se Ke se dirang
wena ga o se tlhaloganye jaanong; mme o
tla se lemoga morago.
8 Petoro a mo raya a re, Ga o ka ke wa
ntlhapisa dinao ka gope. mme Jesu a mo
fetola a re, Fa Ke sa go tlhapise, ga o na
kabelo le nna.
9 Simone Petoro a mo raya a re, Morena, a
e se nne dinao tsa me fela, tlhapisa le tsona
atla tsa me le tlhogo ya me.
10 Jesu a mo raya a re, Yo o tlhapileng ga
a tlhoke go tlhapa fa ese go tlhapa dinao
tsa gagwe, gonne a itshekile gotlhe: mme
lona lo itshekile, mme eseng lotlhe.

11 Gonne o ne a itse yo o tla mo
tshwarisang; ke ka moo a neng a re, Ga lo
a itsheka lotlhe.
12 Jaanong erile a sena go ba tlhapisa
dinao, le go apara kobo, le go dula fa
dijong gape, a ba raya a re, A le lemogile
se Nna ke se le diretseng?
13 Lo mpitsa Moruti le Morena: mme lo
bua sentle; gonne ke se Nna ke leng sona.
14 Jaanong he fa Nna, yo ke leng Morena
le Moruti wa lona, ke lo tlhapisitse dinao;
le lona lo tshwanetse go tlhapisanya dinao.
15 Gonne ke lo nneile sekao, gore lo dire
jaaka ke lo diretse.
16 Ammaaruri, ammaaruri, Ke lo raya ke
re, Motlhanka ga a mogolo go morena wa
gagwe; le ene morongwi ga a mogolo go
yo o mo romileng.
17 Fa lo itse dilo tse, lo tshegofaditswe fa
lo di dira.
18 Ga ke bue ka ga lona lotlhe: ke itse ba
ke ba itlhaoletseng: Mme lokwalo lo
tshwanetse go dirafala lo lo reng, Yoo jang
senkgwe le nna o ntsholeleditse serethe.
19 Ke lo bolelela jaanong go ise go
dirafale, gore, mogang go dirafala, lo
dumele gore ke Nna ena.
20 Ammaruri, ammaruri, Ke lo raya ke re,
Yo o tsholang yo ke mo romang o tshola
Nna; mme yo o ntsholang o tshola ene yo o
nthomileng.
21 Erile Jesu a sena go bua dilo tse, a
huduega mo moweng, mme a ba itsise, a
re, Ammaruri, ammaruri, Ke lo raya ke re,
mongwe wa lona o tla ntshwarisa.
22 Ya ba gona barutwa ba lebanang, ba
belaela gore a ka bo a bua ka ga mang.

23 Jaanong go ne go rapame fa sehubeng
sa ga Jesu mongwe wa barutwa ba gagwe,
yo Jesu a neng a mo rata.
24 Jaanong Simone Petoro a mo gwetla,
gore a botse gore o raya mang.
25 Yoo ka a a ikaegile ka sehuba sa Jesu a
mo raya a re, Morena, ke mang?
26 Jesu a araba a re, Ke ene, yo Nna ke tla
mo nayang thatana, fa ke sena go e ina.
Jaanong ya re a sena go ina thatana, a e
naya Jutase Isekariote, morwa Simone.
27 Mme fa a sena go tshola thatana Satane
a tsena mo go ene. Jaanong Jesu a mo raya
a re, Se o se dirang, se dire ka bonako.
28 Mme ga seke ga nna ope wa bone ba ba
dutseng fa dijong yo o tlhaloganyang gore
o buelang nae jalo.
29 Bangwe ba ne ba itlhoma gore, ka
Jutase a ne a tshola sekgwama sa madi,
gore Jesu o ne a mo raya a re, Reka tse di
batlagalang mo moletlong; gongwe, a
abele bahumanegi sengwe.
30 Jaanong ya re a sena go tsaya thatana a
tswa ka pele: mme go ne go le bosigo.
31 Mme erile a sena go tswa, Jesu a re,
Jaanong Morwa-motho o galaleditswe, le
Modimo o galaleditswe mo go ene.
32 Fa Modimo o galaleditswe mo go ene,
Modimo le ene o tla mo galaletsa ka esi,
mme o tla akofa a mo galaletse.
33 Banaka, Ke sa na le lona sebakanyana.
Lo tla mpatla: mme jaanong le lona Ke lo
raya jaaka ke reile Bajuta ka re, Kwa Ke
yang teng, lona ga lo kake lwa fitlha teng;
seo jaanong ke a se lo bolelela.
34 Ke lo naya taolo e ntshwa, ya gore lo
ratane; ka ele fa Ke lo ratile, gore le lona
lo ratane.

35 Ka se batho botlhe ba tla itse fa lo le
barutwa ba me, Fa lo ratana.
36 Simone Petoro a re, Morena, o ya kae?
Jesu a mo araba a re, Kwa Ke yang teng, o
ka seke wa ntatela jaanong; mme o tla
ntatela morago.
37 Petoro a mo raya a re, Morena, ke ka
ntlha ya eng fa nka palelwa ke go go latela
jaanong? Le bophelo jwa me nka go Bo
beela.
38 Jesu a mo araba a re, A o ka mpeela
bophelo jwa gago? Ammaruri, ammaruri,
Ke go raya ke re, Mokoko ga o nke wa
lela, o ise o ntatole gararo.

KGAOLO 14

A dipelo tsa lona di se huduege: Fa le
dumela mo Modimong, dumelang le mo go
nna.
2 Manno a mantsi mo ntlong ya ga Rre: fa
go ka bo go sa nna jalo, Nka bo ke lo
boleletse. Ke ya go le baakanyetsa manno.
3 Mme e tla re ke sena go ya go le
baakanyetsa manno, ke tla boa, ke lo
itseele; gore kwa ke leng teng, le lona lo
nne teng.
4 Mme kwa ke yang teng le a go itse, le
tsela lo a e itse.
5 Thomase a mo raya a re, Morena, ga re
itse kwa o yang teng; mme tsela re ka e itse
jang?
6 Jesu a mo raya a re, Ke nna tsela, le
boammaruri, le bophelo: ga go ope yo o ka
fitlhang kwa go Rara, fa e se ka nna.
7 Fa lo ka bo lo nkitse, lo ka bo lo itse le
ene Rara: Mme go tloga jaanong lo a mo
itse, ebile lo mmonye.

8 Filipo a mo raya a re, Morena, re supetse
Rara, foo go tla bo gore lekanye.
9 Jesu a mo raya a re, Ga ke bolo go nna le
lona, mme a ga o ise o nkitse, Filipo? yo
o mponyeng o bonye Rara; O bua jang fa
o re, Re supetse Rara?
10 A ga o dumele gore nna ke mo go Rara,
le gore Rara o mo go nna? mafoko a ke a
buang le lona ga ke a bue ka bogame: mme
Rara yo o nnang mo go nna, ke ene yo o
dirang ditiro.
11 Ntumeleng gore ke mo go Rara, le Rara
o mo go nna: mme fa go sa nne jalo
ntumeleng ka ntlha ya tsona ditiro.
12 Ammaruri, ammaruri, ke lo raya ke re,
Yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira
ditiro tse ke di dirang; ebile o tla dira tse
dikgolo bogolo go tse; gonne ke ya kwa go
Rara.
13 Mme tsotlhe tse lo di kopang ka leina la
me, tseo ke tla di dira, gore Rara a
galalediwe mo go Morwa.
14 Fa lo kopa sengwe mo leineng la me,
Ke tla se dira.
15 Fa lo nthata, tshegetsang ditaolo tsa me.
16 Mme ke tla rapela Rara, mme o tla le
naya Mogomotsi yo mongwe, gore a nne le
lona ka bosakhutleng;
17 ebong Mowa wa nnete; o lefatshe le
palelwang ke go o amogela, gonne le sa o
bone, le eseng go o itse: Lona lo a o itse;
gonne o na le lona, ebile o tla nna mo teng
ga lona.
18 Ga nka ke ka lo tlogela kwa ntle ga
kgomotso: ke tla tla go lona.
19 Morago ga sebakanyana, lefatshe ga le
kitla le mpona; mme lona lo tla mpona: ere
ka ke phela, le lona lo tla phela.

20 Tsatsing leo lo tla lemoga gore ke mo
go Rara, le lona mo go nna, le nna mo go
lona.
21 Yo o utlwang ditaolo tsa me, a di
tshegetsa, ke ene yo o nthatang: mme yo o
nthatang o tla ratwa ke Rara, le nna ke tla
mo rata, mme ke iponatshe go ene.
22 Jutase mo a raya a re, eseng Isekariote,
Morena, ke go reng fa o tla iponatsha go
rona, mme eseng lefatshe?
23 Jesu a mo araba a re, Fa mongwe a
nthata, o tla tshegetsa lefoko la me: le Rara
o tla mo rata, mme re tla tla mo go ene, re
age mo go ene.
24 Yo o sa nthateng ga a tshegetse mafoko
a me: mme lefoko le le le utlwang ga se la
me, ke la Rara yo o nthomileng.
25 Ke lo boleletse dilo tse, fa ke sa na le
lona.
26 Mme Mogomotsi, ebong Mowa o o
Boitshepo, o Rara o tla o romelang mo
leineng la me, o tla le ruta dilo tsotlhe, o
bo o le gakolola dilo tsotlhe, tse ke lo di
boleletseng.
27 Kagiso ke a lo e tlogelela, kagiso ya me
ke a lo e nneela: eseng jaaka lefatshe lo le
e neya, nna ke lo neya yone. A dipelo tsa
lona di se huduege, le gona lo se boife.
28 Le utlwile jaaka ke lo reile ka re, Ke a
tsamaya, e bile ke boela go lena. Fa lo ka
bo lo nthata, lo ka bo lo itumela, gonne ke
rile, Ke ya go Rara: gonne Rara o mogolo
go nna.
29 Ke lo boleletse jaanong go ise go
dirafale, gore, fa go dirafala, lo dumele.
30 Ga nkitla ke tlhola ke bua tse dintsi le
lona morago ga mo: gonne molaodi wa
lefatshe lena o etla, mme ga a na thata epe
mo go nna.

31 Mme gore lefatshe lena le itse fa ke rata
Rara; jaaka Rara o neetse taolo, ke dira
jalo. Tlogang lo eme, re tlogeng fano.

KGAOLO 15

Ke nna setlhare sa moweine sa nnete, mme
Rre ke molemi.
2 Kala nngwe le nngwe e e mo go sona e e
sa ungweng leungo o a e tlosa: mme
tsotlhe tse di ungwang, o a di itshekisa,
gore di ungwe segolo.
3 Jaanong lo setse lo itshekile ka lefoko le
ke le buileng le lona.
4 Nnang mo go nna, mme nna mo go lona.
Jaaka kala e sa ke e ungwa ka boyona, fa e
sa nne mo moweineng; le lona ga lo ka ke
la ungwa, fa lo sa nne mo go nna.
5 Ke nna setlhare sa moweine, mme lona
lo dikala: Yo o nnang mo go nna, le nna
ke le mo go ene, o ungwa maungo a
mantsi: gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke
lwa dira sepe.
6 Fa motho a sa nne mo go nna, o
latlhelwa kwa ntle jaaka kala e latlhelwa
kwa ntle, e omelele; mme batho ba di
rwalela, di latlhelwe mo molelong, di
fisiwe.
7 Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a
nna mo go lona, lo ka kopa se lo se ratang,
mme se tla lo dirafalela.
8 Se Rara a ka galalediwang ka sona, ke fa
lo ungwa maungo a mantsi; ka jalo lo tla
nna barutwa ba me.
9 Jaaka Rara a nthatile, ke lo ratile jalo:
nnelang ruri mo leratong lwa me.
10 Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tla nna
mo leratong lwa me; jaaka ke tshegeditse

ditaolo tsa Rara, mme ke ntse mo leratong
lwa gagwe.
11 Dilo tse ke di buile le lona, gore
boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le
gore boitumelo jwa lona bo tlale.
12 Taolo ya me ke ye, Gore lo ratane, fela
jaaka ke lo ratile.
13 Ga go ope yo o nang le lerato le le
fetang lo, gore motho a ntshetse ditsala tsa
gagwe bophelo jwa gagwe.
14 Lona lo ditsala tsa me, fa lo dira tsotlhe
tse ke lo di laetseng.
15 Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka;
gonne motlhanka ga a itse se morena wa
gagwe a se dirang: Lona ke lo biditse
ditsala; gonne tsotlhe tse ke di utlwileng
mo go Rre ke lo di begetse.
16 Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke
itlhaoletseng lona ke bile ke lo beile, gore
lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona
lo nnele ruri: gore sengwe le sengwe se lo
tla se kopang go Rara ka leina la me, a se
lo neele.
17 Ke lo laela dilo tse, gore lo ratane.
18 Fa lefatshe le lo tlhoa, itseng gore lo
ntlhoile pele lo ise lo le tlhoe.
19 Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le
ka ba le rata se e leng sa lone: mme ka lo
se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse
mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo
tlhoileng.
20 Gopolang lefoko le ke lo boleletseng ka
re, Motlhanka ga a mogolo go morena wa
gagwe. Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo
bogisa; fa ba tlhokometse lefoko la me, le
lona ba tla lo tlhokomela lefoko la lona.
21 Mme dilo tsotlhe tseo ba tla lo di dira
ka ntlha ya leina la me, ka ba sa itse yo o
nthomileng.

22 Fa nka bo ke seke ka tla ka bua nabo,
ba ka bo ba sena sebe: mme jaana ga ba na
seipato boleong jwa bone.
23 Yo o ntlhoileng o tlhoile le ene Rara.
24 Fa nka bo ke sa dira ditiro gare go bona
tse di sa dirwang ke ope o sele, ba ka bo ba
sena sebe: mme le fa ba di bonye ba tlhoile
nna le Rara.
25 Gore se se diragale, gore lefoko le le
kwadilweng mo molaong wa bone le
dirafale le le reng, Ba ntlhoile kwa ntle ga
molato.
26 E tla re Mogomotsi a sena go tla, yo ke
tla lo mo romelang a tswa go Rara, e bong
Mowa wa boammaruri, o o tswang go
Rara, o tla supa ka ga me:
27 Mme le lona lo tla supa, gonne lo ntse
lona le nna go tloga tshimologong.

KGAOLO 16

Dilo tse ke di buile le lona, gore le se
kgopisege.
2 Ba tla lo kgoromeletsa kwa ntle ga
disenagoge: ee, nako e e tla, e mongwe le
mongwe yo o lo bolayang o tla itlhomang
ele go direla Modimo tshiamo.
3 Mme dilo tse ba tla lo direla, gonne ba sa
itse Rara, le eseng nna.
4 Dilo tse ke lo di boleletse, gore motlhang
nako e tlang, lo gakologelwe gore ke lo
boleletse. Ga ke a ka ka lo di bolelela go
tloga tshimologong, ka gonne ke ne ke ntse
ke na le lona.
5 Jaanong ke ya go ene yo o nthomileng;
mme ga go ope wa lona yo o mpotsang,
Gore o ya kae?
6 Mme ka ke lo boleletse dilo tse,
bohutsana bo tletse dipelong tsa lona.

7 Le fa go ntse jalo ke lo bolelela
boammaruri; Go molemo go lona gore ke
tsamaye: gonne fa ke sa tsamae,
Mogomotsi ga a ka ke a tla mo go lona;
mme fa ke tsamaya, Ke tla mo romela go
lona.
8 Fa a sena go tla, o tla lemosa lefatshe ka
boleo, le tshiamo, le katlholo:
9 Ka boleo, gonne ba sa dumele mo go
nna;
10 Ka tshiamo, gonne ke ya go Rara, mme
ga lo kitla lo tlhola lo mpona;
11 Ka katlholo, gonne molaodi wa lefatshe
leno a atlhotswe.
12 Ke sa na le dilo tse dintsi go di lo
bolelela, mme ga lo kake lwa di itshokela
jaanong.
13 Fela e tlare fa ene, Mowa wa
boammaruri, o sena go tla, o tla le gogela
mo boammaruring jotlhe: gonne ga o ka ke
o bua ka bogaona; mme tsotlhe tse o di
utlwang, o tla di bua: e bile o tla lo itsise
dilo tse di tlang.
14 O tla nkgalaletsa: gonne o tla tsaya mo
go nna, mme a lo di itsise.
15 Tsotlhe tse Rara o nang natso ke tsa
me: ke ka moo ke rileng, o tla tsaya mo go
nna, mme a lo di itsise.
16 Morago ga sebakanyana, ga lo kitla lo
mpona: mme gape, morago ga
sebakanyana, lo tla mpona, gonne ke ya go
Rara.
17 Ke fa bangwe ba barutwa ba gagwe ba
raana ba re, Ke eng se o se re bolelelang,
Morago ga sebakanyana, ga lo kitla lo
mpona: mme gape, morago ga
sebakanyana, lo tla mpona: le fa a re, Ke
ya kwa go Rara?

18 Ba boa ba re, Ke go reng fa a re,
Morago ga sebakanyana? ga re itse se a se
buang.
19 Jesu a lemoga gore ba rata go mmotsa,
a ba raya a re, A lo botsanya ka se ke se
buileng, Morago ga sebakanyana, ga lo
kitla lo mpona: mme gape, morago ga
sebakanyana, lo tla mpona?
20 Ammaruri, ammaruri, ke lo raya ke re,
Lo tla lela lo tlhokofale, lefatshe lone le tla
itumela: lo tla hutsafala, mme khutsafalo
ya lona e tla fetoga boitumelo.
21 Mosadi fa a belega o na le bohutsana,
ka nako ya gagwe e tlile: mme e re fa a
sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a
gopola tlalelo, ka ntlha ya boitumelo jwa
gore motho o tswaletswe mo lefatsheng.
22 Mme jaanong le lona lo na le
bohutsana: mme ke tla boa ke lo bona,
mme dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga
go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa
lona.
23 Mme motsing oo ga lo kitla lo nkopa
sepe. Ammaruri, ammaruri, ke lo raya ke
re, Sengwe le sengwe se lo tla se kopang
Rara mo leineng la me, o tla lo se naya.
24 Go fitlha nakong eno ga lo ise lo kope
sepe mo leineng la me: kopang, mme lo tla
amogela, gore boitumelo jwa lona bo tlale.
25 Dilo tse ke di buile le lona ka diane:
nako e e tla, moo ke sa tlholeng ke bua le
lona ka diane, mme ke tla lo begela tsa ga
Rara ka thanolo.
26 Ka motlha oo lo tla kopa mo leineng la
me: mme ga ke lo ree ke re, ke tla lo
rapelela Rara:
27 Gonne Rara ka esi o a le rata, gonne lo
nthatile, mme lo dumetse fa ke tswa
Modimong.

28 Ke dule kwa go Rara, ka tla lefatsheng:
gape, ke tlogela lefatshe, ke ya kwa go
Rara.
29 Barutwa ba gagwe ba re, Bonang,
jaanong o bua ka thanolo, ga o bue seane
sepe.
30 Jaanong re a itse gore o itse dilo tsotlhe,
mme ga go batlege gore motho a go botse:
ka moo re a dumela gore o tswa mo
Modimong.
31 Jesu a ba fetola a re, A jaanong lo a
dumela?
32 Itseng, nako e e tla, ee,ebile e setse e
tlile, e lo tla faladiwang ka yona, mongwe
le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogele ke le
nosi: mme ga ke esi, gonne Rara o na le
nna.
33 Dilo tse ke di buile le lona, gore lonne
le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo tla
nna le patikego: mme namatshegang;
gonne ke fentse lefatshe.

KGAOLO 17

Dilo tseo Jesu o ne a di bua, mme a
tsholetsa matlho kwa legodimong, a re,
Rara, nako e tsile; galaletsa Morwa, gore
Morwa le ene a go galaletse:
2 Jaaka o mo neile thata mo nameng
yotlhe, gore neele bophelo jo bo sa
khutleng go mongwe le mongwe yo o mo
neileng.
3 Mme jo ke bophelo jo bo sa khutleng,
gore ba go itse o le Modimo wa
boammaruri o le nosi, le Jesu Keresete, yo
o mo romileng.
4 Ke go galaleditse mo lefatsheng: Ka go
fetsa tiro e o e nneetseng go e dira.

5 Jaanong, Wena Rara nkgalaletse mo go
wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na
le yona fa go wena lefatshe le ise le nne
teng.
6 Leina la gago ke le senoletse batho ba o
ba nneileng mo lefatsheng: ba e leng ba
gago, mme o ba nneile; mme ba tshegetsa
lefoko la gago.
7 Jaanona ba a itse gore tsotlhe tse o
nneileng di tswa go wena.
8 Gonne ke ba neile mafoko a o a
nneileng; mme ba a amogetse, mme ba a
itse ruri gore ke tswa go wena, mme ba
dumetse fa o nthomile.
9 Ke a ba rapelela: Ga ke rapelele lefatshe,
mme ke rapelela ba o ba nneileng; gonne
ke ba gago.
10 Tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago,
mme tsotlhe tse e leng tsa gago ke tsa me;
mme ke galaleditswe ka bone.
11 Mme ga ke tlhole ke le mo lefatsheng,
mme bone ba mo lefatsheng, mme nna ke
ya go wena. Rara yo o Boitshepo, ba
femele leineng ja gago ba o ba nneileng,
gore ba nne bongwefela, jaaka rona.
12 Erile ke santse ke na nabo mo
lefatsheng, Ke ne ka ba femela mo leineng
la me: ba o ba nneileng ke ba bolokile,
mme ga go ope wa bona yo o latlhegileng,
fa ese morwa-tatlhego; gore lokwalo lo
dirafale.
13 Jaanong ke tla go wena; mme ke bua
dilo tse mo lefatsheng, gore ba nne le
boitumelo jwa me bo tlale mo go bone.
14 Ke ba neile lefoko la gago; mme
lefatshe le ba tlhoile, gonne ga se ba
lefatshe, jaaka le nna ke se wa lefatshe.

15 Ga ke rapele gore o ba tlose mo
lefatsheng, mme ele gore o ba femele go
yo o bosula.
16 Ga se ba lefatshe, jaaka nna ke se wa
lefatshe.
17 Ba itshepise ka boammaruri: lefoko la
gago ke lone boammaruri.
18 Ke ba romile mo lefatsheng, fela jaaka
o nthomile mo lefatsheng.
19 Mme ke a ba itshepisetsa, gore le bona
ba itshepisiwe ka boammaruri.
20 Ga ke rapelele bone fela, mme ke
rapelela le bone ba ba tla dumelang mo go
nna ka lefoko la bone;
21 Gore ba nne bongwe-fela botlhe, jaaka
wena, Rara, o le mo go nna, le nna ke le
mo go wena, a le bone ba nne bongwe-fela
mo go rona: gore lefatshe le dumele fa o
nthomile.
22 Mme ke ba neile kgalalelo e o e
nneileng; gore ba nne bongwe-fela, jaaaka
rona re le bongwe-fela:
23 Nna ke le mo go bone, le wena mo go
nna, gore ba nne bongwe-fela ka botlalo; le
gore lefatshe le itse fa o nthomile, ebile o
ba ratile, jaaka o nthatile.
24 Rara, Ke a rata, gore ba o ba nneileng
le bone, ba nne le nna kwa ke leng teng;
gore ba bone kgalalelo ya me, e o e
nneileng: ka o nthatile pele ga motheo wa
lefatshe.
25 Rara wa tshiamo, lefatshe ga le a ka la
go itse: mme nna ke go itsile, le bone ba ba
itse fa o nthomile.
26 Mme ke ba itsisitse leina la gago, mme
ke tla le itsise: gore lorato le o nthatileng
ka lone le nne mo go bone, le nna ke nne
mo go bone.

KGAOLO 18

Erile Jesu a sena go bua dilo tse, a tswa le
barutwa ba gagwe a tshela molatswana wa
Kiderone, teng go ne go le tshimo, a tsena
mo go yona, le barutwa ba gagwe.
2 Jutase, yo o neng a mo tshwarisa, le ene
a itse felo foo: gonne Jesu le barutwa ba
gagwe ba ne ba atisa go phutegela teng.
3 Jaanong Jutase, a tsaya lesomo la
batlhabani le batlhanka ba baperesiteba
bagolo le Bafarasai, ba fitlha teng ka
dirumola le dipone le dibolai.
4 Yare ka Jesu, a itse tsotlhe tse di tla mo
diragalelang, a tswa, a ba raya a re, Lo
batla mang?
5 Ba mo araba ba re, Re batla Jesu wa
Nasaretha. Jesu a ba raya a re, Ke nna. Le
Jutase, yo o mo tswarisang, a bo a eme
nabo.
6 Erile jaanong a ba raya a re, Ke nna, ba
kata ka morago, ba wela fa fatshe.
7 A ba botsa gape a re, Lo batla mang?
Mme ba re, Jesu wa Nasaretha.
8 Jesu a fetola a re, Ke lo boleletse gore
Ke nna: fela fa lo batla nna, lesang ba ba
tsamaye:
9 E le gore go dirafale lefoko, le a le
buileng a re, Ga ke a latlhegelwa ke ope
wa bone ba o ba nneileng.
10 Jaanong Simone Petoro o ne a tshotse
tshaka a e somola, a rema motlhanka wa
moperesite yo mogolo, mme a mo kgaola
tsebe ya le le jang, mme leina la motlhanka
yoo ele Maleko.
11 Foo Jesu a raya Petoro a re, Somela
tshaka mo kgatleng: A ga ke a tshwanela
go nwa senwelo, se Rara o se nneileng?

12 Ya a ba gona lesomo la batlhabani le
molaodi wa sekete le batlhanka ba Bajuta
ba tshwarang Jesu, ba mo golega,
13 Ba mo gogela pele go Hanese; gonne e
ne ele mogwagwadia Kaifase, yo e neng
ele moperesite yo mogolo ka ngwaga oo.
14 Kaifase e ne e le ene yo o gakolotseng
Bajuta a re, Go molemo bogolo gore
motho a le mongwe a swele morafe.
15 Simone Petoro, le morutwa mongwe ba
sala Jesu morago, morutwa yoo o ne a
itsiwe ke moperesite yo mogolo, a tsena le
Jesu mo lapeng la moperesite yo mogolo.
16 Petoro ene a eme kwa kgorong kwa
ntle. Jaanong morutwa yo mongwe yo o
itsiweng ke moperesite yo mogolo, a tswa,
a bua le mosadi yo o disitseng kgoro, a
tsenya Petoro mo teng.
17 Foo lelata le e leng modisa wa kgoro la
raya Petoro la re, A ga ke re le wena o
mongwe wa barutwa ba monna yole? A re,
Ga ke ene.
18 Batlhanka le badiredi ba ne ba eme, ba
ikomosa mo molelong wa magala o ba o
gotsitseng; gonne go ne go le tsididi: mme
Petoro a bo a eme nabo, a ikomosa.
19 Jaanong Moperesite yo mogolo a botsa
Jesu ka ga barutwa ba gagwe, le ka ga
thuto ya gagwe.
20 Jesu a mo araba a re, Ke ile ka bua ka
thelelo le ba lefatshe; Ka ruta ka gale mo
senagogeng, le mo tempeleng, kwa Bajuta
botlhe ba phutegelang teng; Mme ga ke a
bua sepe mo sephiring.
21 O mpotsisetsang? botsa ba ba utlwileng,
se ke se buileng nabo: bona, ba itse tse ke
di buileng.

22 Ya re a bua jalo, motlhanka mongwe yo
o emeng teng a faphola Jesu, a re, O araba
jang moperesite yo mogolo?
23 Jesu a mo fetola a re, Fa Ke buile
bosula, supa ka ga bosula: mme fa ke buile
tshiamo, o mpeletsang?
24 Jaanong Hanese a mo romele a
golegilwe go Kaifase moperesite yo
mogolo.
25 Simone Petoro o ne a ntse a eme a
ikomosa. Ke fa ba mo raya ba re, A le
wena ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?
A latola, a re, Ga ke ene.
26 Motlhanka mongwe wa moperesite yo
mogolo, yo e neng ele wa losika la yo
Simone Petoro o mo kgaotseng tsebe, a re,
A ga ke a go bona kwa tshimong o na nae?
27 Ke fa Petoro a latola gape: mme
mokoko wa akofa wa lela.
28 Jaanong ba ntsha Jesu mo ntlong ya ga
Kaifase: ba mo isa kwa kagong ya molaodi
e sa le phakela; Fela bone ba seke ba tsena
kagong ya molaodi, gore ba seke ba
kgotlelega; gore ba itse go ja Tlolaganyo.
29 Jaanong Pilato a tswela go bone, a re,
Molato o lo o bonang mo mothong o ke
ofe?
30 Ba mo araba ba re, Fa monna yo e ka
bo ese mosenyi, re ka bo re sa mo go
neela.
31 Pilato a ba raya a re, Mo tseeng, lo mo
atlhole ka fa molaong wa lona. Bajuta ba
mo raya ba re, Ga re a letlelelwa go bolaya
motho:
32 E ne ele gore lefoko la Jesu le diragale,
le a le buileng, a tlhalosa mokgwa wa loso
le o tla le swang.

33 Ke fa Pilato a tsena mo kagong ya
molaodi, a bitsa Jesu, a mo raya a re, A ke
wena Kgosi ya Bajuta?
34 Jesu a araba a re, A o bua jalo ka
bogagago, a kampo bangwe ba go
boleletse ka ga me?
35 Pilato a araba a re, A ke Mojuta?
morafe wa ga eno le baperesite ba bagolo
ba go nneetse: o dirileng?
36 Jesu a araba a re, Bogosi jwa me ga se
jwa lefatshe le: fa bogosi jwa me e ka bo
ele jwa lefatshe le, badiredi ba me ba ka bo
ba tlhabana, gore Ke se neelwe Bajuta:
mme jaanong bogosi jwa me ga se jwa
mono.
37 Pilato a mo raya a re, A o kgosi? Jesu a
araba a re, O bolela jalo ke kgosi. Ke
tsaletswe gona, ke bile ke tletse gona mo
lefatsheng, gore ke supe ka ga
boammaruri. Mongwe le mongwe yo
eleng wa boammaruri o utlwa lentswe la
me.
38 Pilato a mo raya a re, Boammaruri ke
eng? mme ya re a sena go bua jalo, a
tswela kwa Bajuteng, a ba raya a re, Nna
ga ke bone molato ope mo go ene.
39 Kana lo na le temalo, ya go re ke lo
gololele mongwe motlheng wa
Tlolaganyo: jaanong a lo rata nka lo
gololela Kgosi ya Bajuta?
40 Ba goa botlhe, ba re, Eseng yoo, mme a
e nne Barabase. Barabase ene ele
senokwane.

KGAOLO 19

Ya ba gona Pilato a tsayang Jesu, a mo
seola.

2 Batlhabani ba loga serwalo sa mitlwa, ba
se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa
kobo e khibidu,
3 Mme ba re, Dumela, wena Kgosi ya
Bajuta! mme ba mo tlanya ka mabogo a
bone.
4 Foo Pilato a tswela gape kwa ntle, a ba
raya a re, Bonang, Ke mo ntshetsa go lona,
gore lo itse fa ke sa bone molato ope mo
go ene.
5 Ke fa Jesu a tswela kwa ntle, a rwele
serwalo sa mitlwa, a apere kobo e khibidu.
Mme Pilato a ba raya a re, Bonang motho!
6 Ya re baperesite ba bagolo le batlhanka
ba mmona, ba goa, ba re, Mmapole,
mmapole. Pilato a ba raya a re, Mo tseeng
ka losi, lo mmapole: Gonne nna ga ke bone
molato ope mo go ene.
7 Bajuta ba araba ba re, Re na le molao,
mme ka fa molaong wa rona o tshwanetse
go swa, gonne o itirile Morwa wa
Modimo.
8 Ya re Pilato a utlwa lefoko leo, a boifa
go feta pele;
9 A bo a tsena mo kagong ya molaodi, a
botsa Jesu a re, O tswa kae? Mme Jesu a
seke a mo fetola.
10 Pilato a mo raya a re, A ga o bue le
nna? A ga o itse gore ke na le thata ya go
go bapola, le thata ya go go golola?
11 Jesu a mo araba a re, O ka bo o sena
thata epe mo go nna, fa o ka bo o sa e
newa go tswa godimo: ka moo yo o go e
neetseng o na le boleo jo bogolo segolo.
12 Foo Pilato a batla go mo golola: mme
Bajuta ba goa, ba re, Fa o golola monna
yo, o tla bo o se tsala ya ga Kaisare:
mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o
bua kgatlanong le Kaisare.

13 Ya re Pilato a sena go utlwa lefoko leo,
a ntshetsa Jesu kwa ntle, a nna mo
sedulong sa katlholo mo felong fa go
bidiwang bodilo jwa matlapa, Mme go
bidiwa
Gabatha, mo puong ya Sehebera.
14 E ne ele letsatsi la ikeetletso ya
Tlolaganyo, e ka nna nako ya motshegare,
mme a raya Bajuta a re, Bonang Kgosi ya
lona!
15 Ke fa bone ba goa ba re,Mo tlose, mo
tlose, mmapole. Pilato a ba raya a re, A ke
tla bapola Kgosi ya lona? Bapereseti ba
bagolo ba araba ba re, Ga re na kgosi fa
ese Kaisara.
16 Ya ba gona a mo ba neelang gore a
bapolwe. Ba tsaya Jesu, ba tsamaya ka ene.
17 Ke fa a tswa a sikere sefapano sa gagwe
a ya felong fa go bidiwang felo-ga-logata,
ka Sehebera go twe Golegotha:
18 Ba mmapolela teng, mmogo le bangwe
ba babedi, mongwe ka fa, yo mongwe ka
fa, mme Jesu a le fa gare.
19 Pilato a kwala sekwalo, a se tlhomela
mo sefaapanong, Go ne go kwadilwe ga
twe, JESU WA NASARETHA KGOSI
YA BAJUTA.
20 Bajuta ba bantsi ba buisa sekwalo seo:
gonne felo fao Jesu a neng a bapoletswe
teng go ne go le gaufi le motse: Mme se
ne se kwadilwe ka Sehebera, Segerika, le
Selatine
21 Foo Baperesite ba bagolo ba Bajuta ba
raya Pilato ba re, Se re, Kgosi ya Bajuta;
Kwala gore ke ene yo o rileng, Ke nna
Kgosi ya Bajuta.
22 Pilato a fetola a re, Se ke se kwadileng,
Ke se kwadile.
23 Jaanong ya re batlhabani, ba sena go
bapola Jesu, ba tsaya diaparo tsa gagwe, ba

di kgaoganya dikarolo tse nne, gore
motlhabani mongwe le mongwe a bone
kabelo e le nngwe; le yone kojwana ya
gagwe
: mme kobo ya gagwe e ne e sena
moroko, e logilwe gotlhe go simolola kwa
godimo.
24 Ke fa ba raana ba re, A re se e
gagoleng, a re e tlameleng tengwa, re tle re
itse gore e ka nna ya mang: E ne ele gore
lokwalo lo dirafale, lo lo reng, Ba
kgaoganye diaparo tsa me, mme kobo ya
me ba e tlametse tengwa. Ke tsona tse
batlhabani ba di dirileng.
25 Gaufi le sefaapano sa ga Jesu ga bo go
eme mmagwe, le monnae mmagwe, le
Maria mosadi wa ga Keleopa, le Maria
Magtalena.
26 Ya re Jesu a bona mmagwe, le morutwa
yo o mo ratang, a eme gaufi, a raya
mmagwe a re, Mosadi, bona morwa ke
yoo!
27 A ba a raya morutwa a re, Bona mmago
ke yoo! Go tloga ka nako eo morutwa yoo
a mo tseela legaeng la gagwe.
28 Morago ga moo, ka Jesu a itse gore
tsotlhe di setse di weditswe, gore lokwalo
lo dirafale gotlhe, a re, Ke nyorilwe.
29 Mme jaanong ga bo go le nkgwana e e
tletseng motatsa: ba ina ngani mo
motatseng, ba e tlhomela thupeng ya
mosiama, ba e tsholetsa kwa molomong wa
gagwe.
30 Yare Jesu a sena go amogela motatsa, a
re, Go weditswe: A ba a oba tlhogo, a
neela mowa.
31 Ya ba gone Bajuta ba rapelang Pilato
gore memomo ya bone e rojwe, le mebele
ya bone e se nne mo mokgorong ka

Sabatha, gonne ele ikeetletso, (mme motsi
wa Sabata seo ele o mogolo)
32 Jaanong ga tla batlhabani, ba roba
maoto a wa ntlha, le a wa yo o neng a
bapotswe nae.
33 Ya re ba tla go Jesu, ba fitlhela a sule,
mme ba seke ba roba maoto a gagwe:
34 Mme mongwe wa batlhabani a tlhaba
letlhakore la gagwe ka lerumo, ga akofa ga
tswa madi le metsi.
35 E ne yo o bonyeng o supile, mme
tshupo ya gagwe ke boammaruri: ebile o
bua boammaruri, gore lona lo dumele.
36 Gonne dilo tse di dirafetse, gore
lokwalo lo dirafale lo lo reng, Go ka seke
ga rojwa lesapo lepe la gagwe.
37 Gape lokwalo lo longwe lo a re, Ba tla
leba ene yo ba mo tlhabileng.
38 Morago ga dilo tse Josefa wa
Arimathea, yo e neng ele morutwa wa ga
Jesu, ka fa sephiring ka ntlha ya go boifa
Bajuta, a kopa Pilato go mo letlelela go
tlosa serepa sa ga Jesu: Pilato a mo
dumelela. Jaanong a ya, a tlosa serepa sa
ga Jesu.
39 Nikotemo le ene, yo o kileng a tla go
Jesu bosigo, a tla a tshotse motswako wa
setlolo sa mera le mokgwapha, e ka nna wa
bokete jwa diponto di le-lekgolo.
40 Jaanong ba tsaya serepa sa ga Jesu, ba
se thatelela le ditlolo tse di nkgang monate,
ka masela a letseta, ka mokgwa oo Bajuta
ba fitlhang ka ona.
41 Ga bo go le tshimo fa Jesu a
bapoletsweng teng; mme go na le lebitla le
leswa teng, le go iseng go ke go ladiwe ope
mo go lone.

42 Jaanong ba latsa Jesu teng ka ntlha ya
letsatsi la ikeetletso la Bajuta; gonne
lebitla leo le ne le le gaufi.

KGAOLO 20

Mo motsing wa ntlha wa beke Maria
Magtalena a ya kwa phupung phakela, go
sa le lefifi, a fitlhela letlapa le tlositswe mo
phupung.
2 Ke fa a siana, a tla kwa go Simone
Petoro, le go morutwa yo mongwe, yo Jesu
a neng a mo rata, a ba raya a re, Ba tlositse
Morena mo lebitleng, mme ga re itse gore
ba mmeile kae.
3 Petoro, le morutwa yo mongwe, ba tloga
ba ya kwa lebitleng.
4 Ba siana mmogo ka bobedi jwa bone:
mme morutwa yo mongwe a sia Petoro, a
fitlha pele kwa lebitleng.
5 Ya re a inama, a bona masela a letseta a
beilwe fa fatshe; mme le fa go ntse jalo a
seke a tsena.
6 Jaanong Simone Petoro a tla a mo setse
morago, a tsena mo lebitleng, a bona
masela a letseta fa fatshe,
7 Lesela, le le neng le le mo tlhogong ya
gagwe, le ne le sa bewa le masela a
mangwe, mme lo phutilwe go sele fa
thoko.
8 Foo morutwa yo mongwe, yo o fitlhileng
pele fa lebitleng, le ene a tsena, a bona, a
ba a dumela.
9 Gonne ba ne ba sa itse lokwalo lo lo
reng, O tshwanetse go tsoga mo baswing.
10 Jaanong barutwa ba boela kwa gae.
11 Maria a bo a eme fa ntle ga lebitla a
lela: ya re a ntse a lela, a inama, a okomela
mo lebitleng,

12 A bona baengele ba le babedi ba ba
apereng bosweu ba ntse, mongwe fa
tlhogong, yo mongwe fa dinaong, fa serepa
sa ga Jesu se neng se letse teng.
13 Mme ba mo raya ba re, Mosadi, o lelela
eng? A ba araba a re, Ke ka gonne ba
tlositse Morena wa me, mme ga ke itse
gore ba mmeile kae.
14 Ya re a sena go bua jalo, a retologa, a
bona Jesu a eme, mme a seke a itse gore ke
Jesu.
15 Jesu a mo raya a re, Mosadi, o lelelang?
o batla mang? E ne, a gopola gore ke
molemi wa tshimo, a mo raya a re,
Morena, a ere fa ele wena yo o mo
tlositseng, o mpolelele gore o mmeile kae,
mme ke tla ya go mo tlosa.
16 Jesu a mo raya a re, Maria. Mme a
retologa, a mo raya a re, Raboni; ke gore,
Moruti.
17 Jesu a mo raya a re, Se nkame; gonne
ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rre:
tsamaya o ye kwa go bana bagaetsho, o ba
ree o re, Ke tlhatlogela kwa go Rre, yo e
leng Rraeno; kwa Modimong wa me, yo
eleng Modimo wa lona.
18 Maria Magtalena a tla, a bolelela
barutwa gore o bone Morena, le gore o
buile dilo tse nae.
19 Erile ka maintsiboa a lone letsatsi leo,
e le la ntlha la beke, mejako ya kwa
barutwa ba neng ba phutegetse teng e
tswetswe ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu
a tla a ema fa gare ga bone, a ba raya a re,
A kagiso e nne le lona.
20 Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha
diatla le letlhakore. Ya baa gona barutwa
ba itumelang, ka ba bone Morena.

21 Jesu a ba raya gape a re, A kagiso e nne
le lona: Ke a lo roma jaaka, Rara o
nthomile.
22 Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela,
a ba raya a re, Amogelang Mowa o o
Boitshepo:
23 Ba lo ba itshwarelang dibe tsa bone, ba
di itshwaretswe; mme ba lo ba balelang
dibe tsa bone, ba di baletswe.
24 Tomase, mongwe wa ba ba some-pedi,
yo o bidiwang Didimo, o ne a sena nabo fa
Jesu a tla.
25 Jaanong barutwa ba bangwe ba mo raya
ba re, Re bonye Morena. Ene a ba araba a
re, Fa ke sa bone dipadi tsa dimapo tsa
tshipi mo diatleng tsa gagwe, le go tsenya
monwana wa me mo dipading tsa dimapo,
ka ba ka tsenya seatla sa me mo
letlhakoreng la gagwe, Ga nka ke ka
dumela.
26 Ya re morago ga malatsi a robedi
barutwa ba gagwe ba bo ba le mo teng
gape ba na le ene, Tomase a na nabo: Jesu
a tla gape, mejako e tswetswe, a ema fa
gare go bona, a ba raya a re, A kagiso e
nne le lona.
27 A ba a raya Tomase a re, Ntshetsa
monwana wa gago kwano, o lebe diatla tsa
me; o ntshetse seatla sa gago kwano, o se
tsenye mo letlhakoreng la me: o se nne yo
o sa dumeleng, mme o nne yo o dumelang.
28 Tomase a mo araba a re, MORENA wa
me le Modimo wa me.
29 Jesu a mo raya a re, Tomase, o
dumetse, ka o mpone: go sego ba ba
dumetseng, le fa ba sa mpona.
30 Jesu o dirile ditshupo tse dintsi tse
dingwe fa pele ga barutwa ba gagwe, tse di
sa kwalwang mo lokwalong le:

31 Mme tse di kwadilwe, gore lo dumele
fa Jesu e le Keresete, Morwa wa Modimo;
mme ka go dumela lo bone bophelo ka
leina la gagwe.

KGAOLO 21

Morago ga dilo tse Jesu a iponatsa gape
mo barutweng ba gagwe fa letsheng la
Tiberia; mme a iponatsa jaana.
2 Go ne go le Simone Petoro, le Tomase
yo o bidiwang Didimo, le Nathaniele wa
Kana wa Galalea, le bomorwa Sebeteo, le
ba babedi ba bangwe ba barutwa ba gagwe
ba le mmogo.
3 Simone Petero a ba raya a re, Ke ya go
tshwara ditlhapi. Ba mo raya ba re, Le
rona re ya nao. Ba tswa, ba ya ba palama
mokoro: mme ba seke ba tshwara sepe mo
bosigong joo.
4 Ya re e setse ele mo mosong, Jesu a ema
fa losing lwa letsha: fela barutwa ba seke
ba itse fa ele Jesu.
5 Jesu a ba botsa a re, Banaka, a lo na le
sengwe se se jewang na? Ba mo araba ba
re, Nyaya.
6 A ba raya a re, Digelang letloa ntlheng
ya le le jang la mokoro, mme lo tla
tshwara. Ya re ba dira jalo, ba palelwa ke
go le goga.
7 Ke fa morutwa yo Jesu a mo ratang a
raya Petoro a re, Ke Morena. Ya re
Simone Petoro a utlwa gore ke Morena, a
ikgatlha ka kobo e kgolo, (ka a ne a sa
apara,) a ba a tlolela mo letsheng.
8 Mme barutwa bangwe ba tla ka mokoro;
(gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka
nna dikubeta tse makgolo-a-mabedi,) ba
goga letloa la ditlhapi.

9 Ya re ba sena go fitlha kwa lefatsheng,
ba bona molelo wa magala teng, le ditlhapi
di besitswe mo go ona, le senkgwe.
10 Jesu a ba raya a re, Tsisang ditlhapi tse
dingwe tsa tse lo di tshwereng jaanong.
11 Simone Petoro a palama mokoro, a
gogela letlhoa kwa lefatsheng le tletse
ditlhapi, tse kgolo-some-a-matlhano le
boraro: mme le fa di ne di le kalo, letloa la
seke la gagoga.
12 Jesu a ba raya a re, Tlaang lo fitlhole.
Mme go ne go se ope wa barutwa yo o
betang pelo go mmotsa gore, O mang? Ka
ba itse gore ke Morena.
13 Jaanong Jesu a atamela, a tsaya
senkgwe, le tsona ditlhapi, a di ba naya.
14 E ne ele laboraro Jesu a iponatsa go
barutwa, a sena go tsosiwa mo baswing.
15 Erile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa
Simone Petoro a re, Simona, morwa Jona,
a o nthata bogolo go ba? A mo araba a re,
Eng, Morena; o a itse gore ke a go rata.
Jesu a mo raya a re, Fudisa dikwana tsa
me.
16 A boa a mmotsa lwa bobedi a re,
Simone, morwa Jona, a o nthata? A mo
araba a re, Eng, Morena; o a itse gore ke a
go rata, Jesu a mo raya a re, Disa dinku
tsa me.
17 A mmotsa lwa boraro a re, Simone,
morwa Jona, a o a nthata? Petoro a
hutsafala ka a mmotsa lwa boraro a re, A o
a nthata? A boa a mo araba a re, Morena, o
itse dilo tsotlhe; o itse gore ke a go rata.
Jesu a mo raya a re, Fudisa dinku tsa me.

18 Ammaruri, ammaruri, Ke go raya ke re,
Erile o sa le yo moswa, wa itlama, wa
itsamaela kwa o ratang teng: mme e tla re o
sena go tsofala, o otlolole mabogo, mme
yo mongwe a go tlame, a go gogele kwa o
sa rateng.
19 O ne a bua jalo, go supa gore o tla
galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng
jang. Ya re a sena go bua jalo, a mo raya a
re, Ntshale morago.
20 Ya re Petoro, a retologa, a bona
morutwa yo Jesu a mo ratang a ba setse
morago; e ne yo o neng a rapame fa
sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a
re, Morena, ke mang yo o tla go
tshwarisang?
21 Ya re Petoro a mmona a botsa Jesu a re,
Morena, go tla nna jang ka ga yo?
22 Jesu a mo araba a re, Fa ke rata gore a
sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka
eng? Wena ntshale morago.
23 Ka moo ga tuma mo bakaulengweng
polelo e e reng, morutwa yoo ga nkitla a
swa: Fela Jesu ga nkitla a mo raya a re, Ga
nke a swa; mme o rile, Fa ke rata gore a
sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka
eng?
24 Morutwa yoo ke ene yo o supang ka ga
dilo tse, o bile o di kwadile: mme re a itse
gore tshupo ya gagwe ke boammaruri.
25 Le gona go na le dilo tse dintsi tse Jesu
a di dirileng, tse e ka reng, fa di ka bo di
kwadilwe ka tatelano, Ke gopola gore
lefatshe le ne le sa ka ke la lekana go
tshola dikwalo tse di ka bong di kwadilwe.
Amen.